﻿
Kopo ya go bona tshedimosetso go tswa go Tsamaiso ya go Busa Tshedimosetso ka go Itirisa go tswa go Diakhaefe tsa Setšhaba
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

National Automated Archival Information Retrieval System , ke tsamaiso ya go busa tshedimosetso ya diakhaefe e e logaganeng e e nang le bokgoni jwa go lemoga dire tsa akhaefe go ya ka serutwa sengwe le sengwe go sa kgathalesege gore ke sa botlhe kgotsa ga se sa botlhe, gape go sa kgathalesege gore se bonwa mo lefelong lefe kgotsa ke sa mofuta ofe.

NAAIRS e thusa badirisi ba diakhaefe go lemoga le go fitlhela dire tsa akhaefe tse di leng maleba le ditlhokego tsa bona.

NAAIRS e na le tshedimosetso fela ka ga dire tsa akhaefe, e seng ditlhangwa tsa mmatota tsa tokomane eo.

Bontsi jwa diakhaefe ke direkhoto tsa botlhe tse di leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya mo go Bewang Diakhaefe tsa Setšhaba le mo go bewang diakhaefe tsa porofense. NAAIRS e akaretsa gape le direjisitara tsa direkhoto tsa setšhaba tse di leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya fa go bewang diakhaefe tsa poraefete tse di ka fetang 40. Le fa phitlhelelo ya mmatota ya ditokomane e sa duelelwe, batho ba duedisetswa go gatisa dire tse di tlileng go dirisiwa, e ka tswe di le mo filiming kgotsa mo pampiring. Dikgatiso le tsona di a rekisiwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Kopa tshedimosetso kgotsa dikhopi ka go:

etela fa go bewang diakhaefe

kwalela fa go bewang diakhaefe

fekesa kgotsa romela emeilatsa batla mo online.


Godimo

Molao o dirisiwang



National Archives and Records Service Act, 1996 
Promotion of Access to Information Act, 2000 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Go ka tsaya malatsi a le supa a go dira go fitlhelela dire tsa akhaefe.

Godimo

Tlhotlhwa

Go ka tsaya malatsi a le supa a go dira go fitlhelela dire tsa akhaefe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


