﻿
Kopo ya thebolo ya poo, kolobe ya naga, pitse e tona gore di ntshiwe moroto wa senna
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Phologolo e ka rebolwa go neelana ka bosika jwa yona fa ngaka ya diphologolo e netefaditse gore phologolo ya mothale o e a amogelesega malebana le:

maemo a pholo ka kakaretso
go tlhoka malwetse
boleng jwa kwa godimo jwa moroto wa senna
diponagalo dingwe tse di ka neelwang.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bula saete mme o tlatse diforomo tsa kopo o gatisa ka ditlhakakgolo. Diforomo di ka kopiwa go Mokwadise wa Tokafatso ya Diphologolo.
Kopo e tshwanetse go dirwa ka leina la lefelo mo phologolo e tlileng go bewa mo go lona.
Kopo e tshwanetse go romelwa kwa sosaeteng sa barui se se maleba.
Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go romelwa ga mmogo le lekwalokopo:

lokwalo lo lo anameng lo lo supang tshika ya ntlha le ya bobedi e e kanesitsweng ke Mokgatlho wa Studbook
kgotsa Bothati jwa Ikwadiso 
setefikeiti sa DNA/ sa mofuta wa madi
rekoto ya ditiro tsa phologolo
madi a tuelo a a beilweng.

Ditšheke le dipousetaleoda di tshwanetse go kwalelwa go: The Director-General: Agriculture. Dintlha tsa Banka ke:
Standard Bank
Lekala: Arcadia
Nomoro ya Akhaonte: 011219556
Khoutu ya lekala: 000845/010845
Dikopo di tshwanetse go kanisiwa ke ngaka ya diphologolo ya poraefete mme di kanwe ke motlhankedi wa malwetse a leruo.
Romela dikopo go:
The Registrar of Animal Improvement
Private Bag X138
Pretoria
0001

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Improvement Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Fa mokwadisi a gana go aba kopo, mokopi o tla itsisiwe ka lekwalo malebana le tshwetso ga mmogo le mabaka a e ganwang ka ona.
Fa e le gore mokwadisi o aba kopo e e atlegileng ya thebolo ya phologolo e e rileng jaaka go ntshiwa moroto wa senna mo go yona, go tla abiwa setefikeiti sa thebolo.

Godimo

Tlhotlhwa

R349 per animal

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Approval of a bull for collection of semen 
Approval for a boar for artificial insemination 
Approval for a stallion for artificial insemination 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


