﻿

Kopo ya tetla ya go reka ditlhapi go tswa kwa dinageng tse dingwe go gweba ka tsona

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Go tlisa ditlhapi mo nageng go gweba ka tsona go kaya go nna le seabe mo ditiragalong tse di jaaka go tlisa ditlhapi tsa metsi mo nageng go gweba ka tsona. Gotlisa ditlhapi tsa metsi mono, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go tlisa mono e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlisa ditlhapi mono ntle le tetla. Dira kopo ya tetla e ntšhwa ya go tlisa mono fa e e leng teng e feletswe ke nako. Go retelelwa go dira jalo go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.

NB: Tetla ya go tlisa mono ga e akaretsa tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamisiwang ke Lefapha la Temothuo. Dikopo tsa ditetla tsa ditlhapi tsa metsi a a phepa kgotsa a lwa go bothito di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.

Dikganelo tse di latelang tsa go tlisiwa mono di a dira:

Mefuta e e leng mo lenaneong la Convention of International Trade in Endangered Species  ga e a tshwanelwa go romelwa teng. (Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga CITES etela www.cites.org.

Tetla ya go tlisa mono e e rebolelwang abalone nngwe le nngwe, rock lobster lemefuta e e tlhagelelang mo Molao wa Ditshedi tsa Lewatle , 1998  Mametlelelo 4, 5 & 12 e tla dira ka leeto lengwe le lengwe 

Ke kankarapa fela e e suleng dikgapetla  ya bokete jwa 600 g kgotsa go feta nngwe le nngwe mme e sa fete ditone di le 25 e e ka tliswang mono .

Ga go kankarapa e e tshelang e e tshwanetse go tliswa mono.


Godimo

Dikgato tse di latelwang

Bona foromo ya go romela kopo ya gago go Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo  kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.za

Buisa foromo ya kopo ka kelotlhoko mme o netefatse gore o fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo:

Tlamela ka tshedimosetso e e latelang:


aterese ya bonno ya baromelantle ba naga e di tswang kwa go yona

maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta eo

palo ya mefuta e e tlisiwang mono.


Romela kopo ya gago le ditlankana tse di latelang:


khopi e e kannweng ya ekwaloitshupo la gago  le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete

dikhopi tse di kannweng tsa ditetla tse di dirang tsa go tlisa mono go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla

dikhopi tse di kannweng tsa Setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho  jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa .


Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa  ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho.

Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo. .

Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.

Madi a kopo a bokana ka R225  a a tlhokega.


Godimo

Molao o dirisiwang



 

 

The National Biodiversity Act, 2004  

 

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  

The Sea Fishery Act, 1988  

The Sea-shore Act, 1935  

The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  


Godimo

Boemo jwa tirelo

Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.

Godimo

Tlhotlhwa

Madi a kopo a bokana ka R225  a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.

Dintlha tsa Banka tsa Tuelo ya Madi a Dikopo tsa Tetla ya go Tlisa mono:

Banka: FNB
Lekala: Corporate Account Service Cape Town
Khoutu ya lekalo: 204109
Akhaonto: Current
Nomoro ya Akhaonto. 62123256382
Leina la Akhaonto: Marine Living Resources Fund
Nomoro ya Referense. Ikgolaganye le Tikwatikwe Tirelo ya Badirisi mo go 0861 123 626

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Application for an import permit  Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


