﻿

Kopo ya tetla ya go romela tlhapi ntle jaaka kgwebo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kgwebo ka ditlhapi ke go diragatsa tiragalo e e amanang le ditlhapi jaaka go romela tlhapi ya mo metsing ntle ka mabaka a kananyo. Go romela tlhapi kwa dinageng disele kgotsa kwa ntle ga melelwane ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go romela ntle e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go romela tlhapi ntle fa a se na tetla. Fa tetla ya thomelontle e e leng e felelwa ke nako morago ga dikgwedi tse tharo, o tshwanetse go dira kopo ya e ntšhwa. Go palelwa ke go ikobela dipeelano tsa tetla go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.

NB: Tetla e ya thomelontle ga e akaretse tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamaisiwang ke Lefapha la Temothuo . Dikopo tsa ditetla tsa thomelontle ya ditlhapi tsa metsi a a phepa tse di tshelang mo metsing a a bothito kgotsa a a tsididi di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.

Mefuta e e leng mo lenaneong la Convention of International Trade in Endangered Species  ga e a tshwanelwa go romelwa teng. (Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga CITES etela http://www.cites.org.

Tetla ya Thomelontle e e rebolelwang mefuta ya abalone e tshwanetse go tsamaya le setifikeiti sa CITES thomelo nngwe le nngwe.

Ditetla tsa thomelontle tse di rebolelwang bigeye tuna, bluefin tuna ya borwa, swordfish, Antarctic toothfish, le Patagonian toothfish di tshwanetse go tsamaya le setlankana se se maleba sa dipalopalo sa tshwaro thomelo nngwe le nngwe. Ditlankana tsa dipalopalo tsa tshwaro di ka bonwa go tswa go Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala , Lekala: Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo, Botsamaisi: Offshore and High Seas Fisheries Management.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Dira kopo ya tetla ya thomelontle.

Bona foromo ya kopo ya thomelontle le foromo ya kopo ya CITES go tswa kwa Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo  kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.za.

Buisa foromo ya kopo ka kelotlhoko mme o netefatse gore o fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo:

Tlamela ka tshedimosetso e e latelang:


aterese ya bonno ya bareki ba kwa nageng e o romelang kwa go yona

maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta e e romelwang ntle

palo ya mefuta e e romelwang ntle

Fa go na le moemedi yo o amegang, tumelano magareng ga matlhakore oomabedi e tlhoka go kgomarediwa gammogo le dikhopi tsa di ID tsa ba ba saenileng

dikhopi tsa ditlankana tsa dipalopalo tsa tshwaro di a tlhokega ka bigeye tuna, southern bluefin tuna, swordfish, Antarctic toothfish, le Patagonian toothfish tsotlhe tse di romelwang ntle ka fa tlase ga tetla ya thomelontle e e fetileng.


Fa modirakopo wa tetla ya thomelontle e se motshodi wa tshwanelo ya go thaya ditlhapi, tlamela ka ditlankana tse di latelang:


bosupi jwa thebolo le diaterese tsa bonno tsa barebodi ba ditlhapi tsa lewatle tse di tla romelwang ntle

maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta e e romelwang ntle

palo ya mefuta e e romelwang ntle.


Romela dikhopi tse di kannweng tsa ditlankana tse di latelang:


lekwaloitshupo la gago le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete

ditetla tse di dirang tsa thomelontle go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla

setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho  jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa .


Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa  ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho. Fa tlhapi e le foreše mme e siametse go jewa ke batho itsise Lekala la Boitekanelo .

Madi a kopo a a tlhokegang ke R225 .

Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo. .

Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.


Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  

The National Environmental Management Act, 1998  

The National Biodiversity Act, 2004  

The National Marine Protected Areas Act, 2003  

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  

The Sea Fishery Act, 1988  

The Sea-shore Act, 1935  

The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  


Godimo

Boemo jwa tirelo

Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.

Godimo

Tlhotlhwa

Madi a kopo a bokana ka R225  a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.

Dintlha tsa Banka tsa Tuelo ya Madi a Dikopo tsa Tetla ya Thomentle:

Banka: FNB
Lekala: Corporate Account Service Cape Town
Khoutu ya lekalo: 204109
Akhaonto: Current
Nomoro ya Akhaonto. 62123256382
Leina la Akhaonto: Marine Living Resources Fund
Nomoro ya Referense. Ikgolaganye le Tikwatikwe Tirelo ya Badirisi mo go 0861 123 626

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for an export permit 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


