﻿

Kopo ya tetla ya go reka ditlhapi go tswa kwa dinageng tse dingwe jaaka boitapoloso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Go thaya ditlhapi ka mokgwa wa boitapoloso ke go nna le seabe mo tiragalong e e jaaka go tlisa ditlhapi tsa metsi mo nageng ka maikaelelo a boitapoloso. Go tlisa ditlhapi tsa metsi mono nageng ka maikaelelo a boitapoloso, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go tlisa mono e e e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala  kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlisa ditlhapi mono ntle le tetla. Dira kopo ya tetla e ntšhwa ya go tlisa mono fa e e leng teng e feletswe ke nako. Go retelelwa go dira jalo go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.

NB: Tetla ya go tlisa mono ka maikaelelo a boitapoloso ga e akaretsa tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamisiwang ke Lefapha la Temothuo . Dikopo tsa ditetla tsa ditlhapi tsa metsi a a phepa kgotsa a lwa go bothito di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.

Dikganelo tse di latelang tsa go tlisiwa mono di a dira:

Mefuta e e leng mo lenaneong la Convention of International Trade in Endangered Species  ga e a tshwanelwa go romelwa teng. (Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga CITES etela www.cites.org

Ditetla tsa go tlisa mono tse di rebolelwang go tliswa ga ditlhapi mono ka maikaelelo a boitapoloso go ka dirisiwa ke mong kgotsa go jewa e tla dira sebaka sa paka ya loeto go ya le go tswa kwa lefelong le e tshwanetseng go yak wa go lona.

Ga go ditlhapi tse di tshelang tse di tshwanetse go tliswa mono.


Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomo tse di maleba mme o di romele kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo le Bojanala  , mmogo le tshedimosetso e e latelang:


matlha a go tloga le go boela mo Aforika Borwa

leina la naga e e etelwang

tlhagisa molelwane wa Aforika Borwa o o tla dirisiwang go boela mo Aforika Borwa

bosupi jwa aterese ya bonno, dinomoro tsa mogala le fekese mo Aforika Borwa

tlhalosa gore tlhapi e tla tliswa mono jang 

khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la modirakopo mongwe le mongwe

bopaki jwa tuelo 

ga go difekese, dikhopi le diimeili tse di tla amogelwang

diforomo di tshwanetse go tliswa ka seatla kgotsa go romelwa ka poso.



Ela tlhoko:

Dira kopo bonnye dibeke tse pedi pele o tsamaya go letla nako ya go diragatsa.

Ga go tetla e e tlhokegang ya beiti. Fela, netefatsa gore o tshotse tetla ya beiti ya boitapoloso  kgotsa setlankana sa madi a a seatleng a beiti e e rekilweng.


Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  

The National Environmental Management Act, 1998  
The National Biodiversity Act, 2004  
The National Marine Protected Areas Act, 2003  
The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  
The Sea Fishery Act, 1988  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.

Godimo

Tlhotlhwa

Madi a kopo a bokana ka R120 .

Banking details are as follows:

Banka: FNB
Lekala: Corporate Account Service Cape Town
Khoutu ya lekalo: 204109
Akhaonto: Current
Nomoro ya Akhaonto. 62123256382
Leina la Akhaonto: Marine Living Resources Fund
Nomoro ya Referense. Ikgolaganye le Tikwatikwe Tirelo ya Badirisi mo go 0861 123 626

Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Application to import fish on recreational basis. Kopo ya tetla ya go tlisa mono ka maikaelelo a boitapoloso. Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


