﻿

Kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi le tetla ya go thaya ditlhapi go di rekisa

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Go gweba ka ditlhapi ke go dirisa tshwanelo ya go thaya ditlhapi. Sa ntlha tshwanelo e e tshwanetse go kopiwa le go rebolwa, go dirisa, go kotula ditlhapi kgotsa go nna le seabe mo tiragalong e e amanang le go thaya ditlhapi go di rekisa. E akaretsa gape le go nna le seabe mo ditiragalong tse di amanang le go thaya ditlhapi e se ka mabaka a go di ja. Go diragatsa tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi, dira kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala   kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ditshwanelo ka botlalo kgotsa tse di lekanyeditsweng tsa di rebolwa mo makaleng a a tlhophilweng a go thaya ditlhapi ke DEA&T go ikaegilwe ke Palogotlhe e e Letlwang ya go Thaya kgotsa Maiteko  e e sekasekwang ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala. Ga go ope yo o ka thayang ditlhapi ka maikaelelo a go rekisa ntle le tetla.

Sa ntlha, dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona pele o ka dira kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona. Tetla e ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme go retelelwa ke go inyalanya le dipeelano go ka tlisa gore a beelwe thoko nakwana, go phimolwa kgotsa tshwanelo e ka phimolwa.

Mo godimo ga tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona, o tla tlhoka le tetla ya sepalangwa go tsamaisa ditlhapi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

O ka dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi fela fa go na le taletso eo e e ka phasaladiwang mo Kuranteng ya Puso.
Bona foromo ya kopo go tswa go Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala  kgotsa lefelo la go tsaya/rebola le le beilweng ke DEA&T.
Buisa ka kelotlhoko mme o tlhaloganye le go netefatsa gore go fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo.
Tlatsa, saena mme o romele foromo ka ditlankana tse di kannweng tse di maleba le tlhwatlhwa e e sa busiweng e e beilweng kwa lefelong le le beilweng ke lefapha kgotsa kwa kantorong e e gaufi nao ya DEA&T.
Tsamaiso ya tshekatsheko e tla simolola morago ga letlha la tswalo ya dikopo mme dipholo di tla begwa ka kgolagano ke DEA&T.

Godimo

Molao o dirisiwang



The Marine Living Resources Act, 1998  

The National Environmental Management Act, 1998  

The National Biodiversity Act, 2004  

The National Marine Protected Areas Act, 2003  

The Sea Birds and Seals Protection Act, 1973  

The International Convention for the Prevention of Pollution from Ships Act, 1986  


Godimo

Boemo jwa tirelo

Mofuta wa tshwanelo ya go thaya ditlhapi:

Tsamaiso ya kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 kgotsa go feta go lebilwe palo ya dikopo le/kgotsa go ya ka setlha sa lekala la go thaya ditlhapi.

Kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi:

Kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 go konosediwa kgotsa go feta go ikaegilwe ka bontsi jwa dikopo le/kgotsa setlha sa lekala la go thaya ditlhapi.



Godimo

Tlhotlhwa

