﻿

Kopo ya go romela dithoto ka mo nageng





Tlhaloso



Go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Kgwebo wa Boditšhabatshaba, Molao wa 71 wa 20002  Tona a ka nna, fa a bona go mo tshwanelo kgotsa a bona go tlhokagala mo kgatlhegelong ya setšhaba, a tsenya kitsiso mo Kaseteng, a laela gore ga go na dithoto, kwa ntle ga tsa maemo a a rileng kgota tsa mofuta o o rileng,tse:

Di tla romelwateng ka mo RSA; kgotsa
Di tla romelwateng ka mo RSA fa fela di le ka fa tlase ga taolo ya kgotsa go ya ka maemo a a kailweng ka mo phemiting e e filweng ke ena kgotsa ka motho yo o laetsweng ke ena.



Dikopo tsa diphemiti tsa thomeloteng ya thomelo ya dithoto, tse di leng ka fa tlase ga tekanyetso ya taelo ya taolo ya thomeloteng, e tshwanetse go kopiwa ka go dirisa foromokopo e e laoletsweng.



Maikaelelo a go neela ke go netefatsa gore dithoto tse di dirisitsweng tse di romelwangteng, ga di senye intaseteri ya Melao ya Melelwane ya Yunione ya Aforika Borwa  . Neelo e gape, e godisa taolo ya boitekanelo jwa tikologo le mabaka a pabalesego le tshireletsego le kobamelo e e tlhotlhwa. Gape e godisa taolo ya maikaelelo a go obamela mabaka a tikologo.



Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Kgwebo le Intaseteri 

Dikgato tse di latelwang 



Diforomokopo di tshwanetse go tladiwa mme tsa isiwa..
Isa diforomo go Bokaedi: Taolo ya Thomeloteng le Thomelontle, ITAC.



Moalo o dirisiwang



International Trade Administration Act,   



Boemo jwa tirelo




Go ka tsaya malatsi a le mararo go tsweletsa kopo ya gago.

Tlhotlhwa




Tirelo e ga e duelelwe

Diforomo tse di tladiwang



Application for Import Facilities 
Annexure to Application for Import Facilities 



Lefelo, bodirelo, diaterese le megala



