
Kopo ya taelo ya lekgetho- dineo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kopo e, e romelwa kwa go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho   fa taelo ya go ntsha lekgetho e e malebana le madi a a duetsweng ke mothapiwa ka mokoma  e batlega.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Netefatsa gore merero ya gago ya lekgetho e siame pele o dira kopo ya taelo ya lekgetho. SARS e ka se rebole ka tlwaelo taelo ya lekgetho fa o na le dituelo tsa manane a lekgetho kgotsa dituelo tse di saletseng kwa morago.

Neela tse di latelang go SARS go rebola kopo ya taelo ya lekgetho.

foromokopo ya IRP3
tokomane ya boitshupo/pasa le nomoro ya tshupetso
nomoro ya tshupetso ya PAYE ya mothapi.


Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Fa Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho a a mogetse , netefatso e tla neelwa mo malatsing a a mmalwanyana, fela taelo ya lekgetho ya semmuso e ka tsaya dibeke di le nne.

Mokgwa o o bonolo wa go dira kopo ya taelo ya lekgetho ke go dira ka eFiling. Kopo ya taelo ya lekgetho ka tirelo e, e ka gale e dirwa mo diureng di le 48.

Godimo

Tlhotlhwa

Ga go duelwe sepe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Tlatsa le go romela kopo ya gago ka inthanete. Kgotsa, ntsha le go tlatsa foromo ya Application for tax directive: Gratuities IRP3 .

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


