﻿
Kopo ya taelo ya lekgetho – phesente e e tsepameng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Taelo e romelwa fa kopo e diriwa gore seelo se se tsepameng se ntshiwe go tswa go moputso wa moduelalekgetho. Mothapi o tshwanela ke go romela kopo e, boemomg ba mothapiwa.

Ditaelo ga di fetisediwe le fa mothapiwa a fetotse maemo a tiro. Ka jalo kopo e ntšhwa e tshwanetse go dirwa. Fa o na le bathapi ba feta bongwe, kopo e nngwe ya taelo e tshwanetse go dirwa go ya ka mothapi mongwe le mongwe.

Dikhopi tsa makwalo tsa tiro, dikonteraka tsa tirelo le ditlankana tse dingwe tse di maleba di a tlhokega go netefatsa ditumalano le boemo jwa tiro.

Phesente e e tsepameng ya taelo e tla rebolelwa ka botlakgolo  jwa dikgwedi di le 12 mme di tshwanetse go ntšhafatswa morago.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Netefatsa gore merero ya gago ya lekgetho e siame fa o dira taelo ya lekgetho. SARS ga e kitla e rebola taelo ya lekgetho fa o na le manane a lekgetho kgotsa dituelo tsa lekgetho tse di saletseng kwa morago.

Foromokopo ya taelo ya lekgetho, e neelana ka tse di latelang:

tokomane boitshupo/pasa le nomoro ya taelo ya lekgetho
nomoro ya taelo ya PAYE ya mothapi.


Gokelela ditokomane tse di latelang mo kopong ya gago:

khopi ya konteraka ya tirelo 
lekwalo la go ema nokeng fa nomoro ya tokomane ya boitshupo/pasa kgotsa nomoro ya taelo ya PAYE e se teng.

Romela kopo ya gago ya phesente ya taelo e e tsepameng ka letsogo kwa lekaleng la kantoro ya SARS, jaaka mothapiwa o tshwanela ke go gokelela sesupo sa letseno le ditshenyegelo.

Godimo

Molao o dirisiwang

Income Tax Act, 1962  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Fa e rebotswe  ke SARS, netefatso e tla romelwa mo malatsing a a mmalwanyana. Le fa go le jalo, taelo ya semmuso ya lekgetho e ka tsaya dibeke di le nne.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a tax directive: fixed percentage, IRP 3b 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


