
Kopo ya ditshwanelo tsa temo ya dijalo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Ditshwanelo tsa temo ya dijalo di abelwa mefuta fela ya dijalo e e kgoeleditsweng go ya ka Plant Breeders' Rights Act, 1976 . Go buiwa ka mefuta e e ka nnang 290 ya dijalo mo lenaneng la dijalo le ka lona ditshwanelo tsa temo ya dijalo di ka abiwang.

Mokwadise wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo a ka nna a tsaya mefuta  jaaka kabelo e ntshwa ya ditshwanelo tsa temo ya dijalo fa:

Sere se se gasagasang sa mefuta ya dijalo se ise se rekisiwe mo Aforika borwa mo sebakeng se se fetang ngwaga.
Mo lebakeng la pharologano ya mefuta ya ditlhare kgotsa morara, sere se se gasagasang se ise se nne teng kwa nageng nngwe, mo kgwebong kgotsa mo bathong mo nakong ya dingwaga di le thataro, kgotsa maelana le sejalo sengwe le sengwe, nako ya dingwaga tse di fetang nne.
Sere se se gasagasang se tshwanetse go nyalana le ditlhokego tsa DUS :

e tshwanetse go bonagala sentle go tswa mo mefuteng e mengwe ya losika le le lengwe
e nne e e tshwanang, ke gore dijalo tsotlhe tse di jetsweng e nne tse di tshwanang di bo di nne le diponagalo tse di tshwanang
e tlhomame, ke gore dimela tsa mofuta mongwe o o rileng di tshwanetse go lebega jaaka dijalo tsa motheo 
e tshanetse go nna le lekala le le amogelesegang.


Godimo

Dikgato tse di latelwang

Leba Lenane 1 ya Plant Breeders' Rights Act  go netefatsa gore mofuta wa semela se se tlhokang tshireletso go dirile kgoeletso ka sona.
Fa mofuta wa sejalo o se mo lenaneng, tsenya kopo ya kgoeletso mme o kwale lekwalo le mo go lona o nayang mabaka o le lebise go: Mokwadise wa Ditshwanelo tsa Temo ya Dijalo.
Fa mofuta wa sejalo o le mo Lenaneng, dintlha tse latelang di tshwanetse go romelwa:

foromo ya kopo e e tladitsweng ka botlalo
lenanepotso la Setegeniki 
lekwalo kopo le le beilweng ga mmogo le tuelo ya tlhatlhobo
sata kgotsa sere se se gasagasang
lekwalo la thebolo go tswa kwa go mong, fa e se wena o jetseng dijalo, tlhophileng kgotsa dirileng mefuta ya dijalo.

O tshwanetse go supa ka tsela e e tlhaloganyesegang mo lenanepotsong la setegeniki gore sejalo se ka tshwantshangwa le dife mo go netefatsa dipharologano.
O ka nne wa dira kopo ya tshireletso ya nakwana ya mefuta ya dijalo. Se se raya gore mofuta wa mothale o, o sireleditswe go fitlha nako ya tshekatsheko e feta. O tshwanetse go kwala lekwalo le le tlhalosang gore ga o a ikaelela go rekisa,  mofuta mongwe le mongwe wa kgasakgaso o go buiwang ka ona go fitlha diteko di weditswe mme ditshwanelo tsa temo ya dijalo di abilwe. Tshireletso ya nakwana e ka atlanegisiwa mo dimeleng tse diteko tsa tsona di tsayang nako e e fetang ngwaga.
Go na le matlha a a beilweng a ka ona ditokomane le dire tse di gasagasang di ka isiwang go Mokwadise. Matlha a, bontsi jwa dire tse di gasagasang tse di tshwanetseng go romelwa ga mmogo le ko di tshwanetseng go pagololwa gona, di ka fiwa mokopi fa a di kopa.
Fa go na le lenane la mefuta e e farologaneng ya dijalo e e dirilweng go ya ka ditshwanelo tsa temo ya dijalo, o ka tsenya kopo e segongwe go boloka madi le nako.

Godimo

Molao o dirisiwang

Plant Breeders' Rights Act, 1976  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tiro ya go sekaseka ditshwanelo tsa temo ya dijalo e ka tsaya setlha sotlhe sa selemo.

Godimo

Tlhotlhwa

Madi a kopo malebana le tetla ya dijalo tsa methalethale:R1 300 nngwe le nngwe
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale ya Khathekori A : R2 200 nngwe le nngwe
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale ya Khatekori B : R3 000 nngwe le nngwe
Tuelo ya tlhatlhobo ya tetla ya dijalo tsa methalethale ya Khatekori B : R2 600 nngwe le nngwe
Madi a go fiwa tlhokomelopele go ya ka karolo 8 ya Plant Breeders' Rights Act, 1976 mo kopong ya kabelo ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R700 nngwe le nngwe
Kganetso ya kabo ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R4 500 nngwe le nngwe
Tuelo ya ngwaga le ngwaga ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R250 nngwe le nngwe
Kopo ya go abiwa ga laensense ya pateletso malebana le tshwanelo ya temo ya dijalo: R3 600 nngwe le nngwe
Kitsiso ya tshutiso ya tshwanelo ya temo ya dijalo: R650 nngwe le nngwe
Kopo ya go siamisa kgotsa go oketsa lekala le le rebotsweng la mefuta ya dijalo: R1 500 nngwe le nngwe
Kganetso kgatlhanong le thebolo e go ikaelelwang go e dira ya go siamisa kgotsa oketsa lekala le le reboletsweng mefuta ya dijalo: R650 nngwe le nngwe
Kganetso kgatlhanong le maikaelelo a go fedisa tshwanelo ya temo ya dijalo: R650 nngwe le nngwe
Kitsiso ya boineelo jwa boitlhophelo jwa tshwanelo ya temo ya dijalo: Ga e duelelwe
Provision of results of tests and trials undertaken by the registrar, to the appropriate authourity in a convention country or an agreement country: Tariff to fluctuate with exchange rate: CHF 350 
Inspection of the register of plant breeder's rights: Ga e duelelwe
Inspection of a document submitted to the registrar in connection with an application for the grant of a plant breeder's rights: R370 per occasion
A certificate of any particulars in the register or of any document in connection with an application for the grant of a plant breeder's right: R370 per certificate
A copy of any particulars in the register or of a document submitted to the registrar in connection with an application for the grant of a plant breeder's right: R8 per application puls photocopy charge R1,10 per copy
Submission of appeal against any decision or action taken by the registar in terms of the Act: R3 600 nngwe le nngwe
Examanation of samples to determine varietal purity: R2 000 , R3 000  and R2 600 

Godimo

Diforomo tse tladiwang



PBR/VL 2004 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


