﻿
Kopo ya go kwadisa dikago jaaka setheo sa temothuo se go tsewang dijini mo diphologolong kwa go sone
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Dikago tse mo go tsonego tsewang dijini mo diphologolong, di bo di tlhatlhobiwa, di fetolwa, di pakiwa, di manegiwang maina, di bolokiwang le go rekisiwa di ka nna tsa kwadisiwa jaaka setheo fa e le gore:

didirisiwa tse di tlhokegang di teng kwa dikagong tseo
ditiro tsa botegeniki mo dikagong tse di ntseng jalo, e leng tsa go tlhokomela diphologolo tse di bolokilweng mo go tsone, le go tseya dijini mo go tsone, di bo di tlhatlhobiwa, di fetolwa, di pakiwa, di manegiwang maina le go bolokwa, di laolwa ke motho yo o dirang dilo tumalanong le melao e e beilweng
dikago tsa teng le tsone ditshwanetse go dumalana le melao e mengwe e e ka nnang ya tlhomiwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Sitlholela o bo o tlatse foromo e e gararo ya go dira kopo. Gape, foromo eno e ka nna ya kopiwa mo go Registrar of Animal Improvement .
Dikopo tse di sa tladiwang ka botlalo di tla busediwa kwa go beng ba tsone mme ga re kitla re sikara maikarabelo ape a mathata a a amanang le tsone.
Dira gore foromo e patiwe ke ditokomane tse di latelang:

dikhopi tse pedi tsa polane ya setsha sa dikago tseno le dipolane tse di feletseng tsa mabala
tuelo e e kopilweng ya go dira kopo ka tšheke e e duelwang: Mokaedi-Kakaretso: Temothuo.



Tuelo ya kopo eno gape e ka nna ya duelwa mo akhaontong e e latelang ya banka:
Standard Bank
Branch: Arcadia
Account no: 011219556
Branch code: 000845/010845
Romela dikopo tsa gago go:
The Registrar of Animal Improvement
Private Bag X138
Pretoria
0001

Godimo

Molao o dirisiwang



Animal Improvement Act, 1998  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tirelo eno ga e a beelwa nako epe e e rileng, e re ka go ka direga gore ka dinako tse dingwe go simololwe ka go amogelwa pele ga dipolane pele dikago di agiwa.

Godimo

Tlhotlhwa

R3 833

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for registration of premises as a centre 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


