﻿

Kopo ya go dira kitsiso ya loso


Tlhaloso 

Setefikeiti sa loso ke tokomane ya semmuso e e abelwang balosika la moswi fa ba mo kwadisa jaaka moswi. Fa motswantle a tlhokofalela mo Aforika borwa, rekoto ya gagwe e a faeliwa mme setefikeiti sa loso se abelwa balosika lwa gagwe. Dikopo di ka dirwa kwa ofising nngwe le nngwe ya Lefapha la Merero ya Selegae kgotsa kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa ntlo ya borongwa fa o dira kopo o le kwa nageng esele.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Merero ya Selegae. 



Dikgato tse di latelwang 

Tlatsa foromo ya kopo BI-132.
Kwala lekwalo le le nang le dintlha tsotlhe ka ga moswi mme o le romele kwa ofising ya Merero ya Selegae mo tikologong ya gago.

Ga go na phitlho e e tla dirwang kwa ntle ga taelo ya phitlho. Taelo ya phitlho ke setefikeiti se se nayang motho tumelelo ya phitlho le go tsaya setopo kwa lefelong le moswi a swetseng kwa go lona go ya kwa lefelong le phitlho e yang go tshwarelwa kwa go lona. Taelo ya phitlho e ka ntshiwa ke:

Modiri yo o kanisitsweng wa Merero ya Selegae,
Maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa , kgotsa
Batsamaisa diphitlho ba ba filweng dithata tsa go aba ditaelo tsa phitlho

Molao o dirisiwang 

Births and Deaths Registration Act, 1992  

Boemo jwa tirelo 

Setefikeiti se se khutswafaditsweng : Se ntshiwa morago ga kwadiso ya loso.
Setefikeiti se se feletseng : Se ka tsaya dibeke di le 8 go ya go di le 12 .

Tlhotlhwa 

Setefikeiti se se khutswafaditsweng: R10
Setefikeiti se se feletseng: R45

Diforomo tse di tladiwang 

Application for a death certificate, BI-132 
Application for Burial Instruction, BI-14 

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala 


