﻿
Kopo ya go fiwa lekwaloitshupo gape
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Lekwaloitshupo ke setlankana se se supang boikitsiso jwa motho. E neelwa baagi ba Aforika borwa kgotsa baagi ba leruri ba ba leng dingwaga di le 16 kgotsa go feta.

Lekwaloitshupo le ka fiwa gape batho ba ba letalang:

Batho ba ba latlhegetsweng, ba timeletswe, ba utsweditswe kgotsa senyegetswe ke lekwaloitshupo la bona.
Batho ba ba dirang kopo ya go fetola dintlha tsa bona.
Batho ba maemo a boagi jwa bona a fetogileng.
Basadi ba ba nyetsweng kgotsa ba ba batlang go dirisa sefane sa bona sa pele.
Batho ba ba nnang kwa dinageng disele nakwana mme e le gore ba ne ba na le lekwaloitshupo.
Batshabi ba ba nang le phemiti ya leruri ya boagi.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo BI-9 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. O ka dira kopo kwa embasing kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa dinageng tsa matÒhaba.
Isa setefikeiti sa matsalo kgotsa bukana ya boikitsiso e e abilweng pele ga Phukwi 1986.
Isa ditshwantsho tsa boitshupo di le pedi. 
Gatisa menwana ya gago gore e tle e rekotiwe mo Rejisetareng ya Baagi.
Isa setefikeiti sa lenyalo fa e le gore o nyetse.
Mosadi yo o dirang kopo ya lekwaloitshupo mme a batla go dirisa sengwe sa difane tsa gagwe tsa pele o tshwanetse go tlisa bosupi jo bo mo letlang go ka dirisa sefane seo.
Motshabi yo o dirang kopo ya lekwaloitshupo o tshwanetse go mametlelela phemiti ya leruri ya boagi, phemiti e e mo nayang tetla ya go nna moagi kgotsa setefikeiti sa thebolo.

Godimo

Molao o dirisiwang





Identification Act, 1997  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e ka tsaya dibeke di ka nna 8.

Godimo

Tlhotlhwa

R16

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Application for an identity document, BI-9 
Application for identity document, BI-10 

Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


