﻿

Kopo ya mmu wa puso o o ka dirisetswang Temothuo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motho a ka hira setsha sa temothuo mo pusong go se dirisetsa temothuo ka maikaelelo a go se reka kgotsa go se se reke go ya fela ka boemo jwa setsha . Ditumalano tsa go hira ka maikaelelo a go reka di ntšhwafadiwa morago ga dingwaga di le tharo.

Lefapha la Temothuo la Bosetšhaba le gokaganya taolo ya mmu ka tshwanelo le go aba mmu wa puso o o dirisetswang temothuo o o fitlheletsweng go tswa go Boto ya Thuso-ka-ditšhelete ya Temothuo .

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Fa mmu wa puso o o dirisetswang temothuo o le teng go ka hiriwa, Lefapha la Temothuo le tla dira papatso mo dikitsisong/dinothising le mo mafelong a botlhokwa a a sailang batho, jaaka dikantoro tsa magiseterata le seteišene sa maphodisa ga mmogo le mo dikuranteng.

Dira kopo mo mothong yo leina la gagwe le kwadilweng mo kitsisong.

Godimo

Molao o dirisiwang

Land Administration Act, 1995  
State Land Disposal Act, 1961  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Mookamedi mogolwane: Bonno jwa Balemirui kwa Lefapheng la Temothuo la Bosetšhaba ke ena a baakanyang khiro ya dithoto tsa FALA fa e setse e rebotswe ke Letona La Lefapha la Temothuo le Merero ya Mmu.

Godimo

Tlhotlhwa

Madi a go hira a laolwa ke fomulara e e dirisiwang go lekanyetsa boleng jwa mmu.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for settlement on state land 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


