﻿
Kopo ya go fiwa phaseporoto e nngwe go emela e e latlhegileng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motho yo o nang le phaseporoto mme a e timeditse kgotsa e utswitswe a ka dira kopo ya go fiwa e nngwe e ntšhwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Ditlhokego tsa go fiwa gape phaseporoto e e timetseng kgotsa e e utswitsweng :

netefatsa gore o na le lekwalotshupo/pasa kgotsa setefikeiti sa matsalo fa o dira kopo
tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise ka sebele kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. O ka isa foromo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa nageng disele
o tshwanetse go gatisa menwana e e tla tsengwang mo direkotong mo Rejisetareng ya baagi
isa ditshwantsho tsa phaseporoto di le pedi.

Ditlhokego tsa go fiwa gape phaseporoto e e timetseng kgotsa e e utswitsweng ya bana:

tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise ka sebele kwa Lefapheng la Merero ya Selegae. O ka isa foromo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o le kwa nageng disele
batsadi kgotsa batlhokomedi ba ngwana ba semolao ba tshwanetse go tlisa khopi ya ngwana ya setefikeiti sa matsalo ga mmogo le makwaloitshupo a bona
isa ditshwantsho tsa phaseporoto di le pedi
ga go tlhokege go gatisa menwana fa bana ba le ka fa tlase ga dingwaga di le 16.


Godimo

Molao o dirisiwang



South African Passports and Travel Documents Act, 1994  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya dibeke di le 6.

Godimo

Tlhotlhwa

Lost or stolen maxi passport  e e timetseng kgotsa e e utswitsweng): R704
Lost or stolen tourist passport : R352
Lost or stolen child passport: R266

Double the current tariff for the document concerned : Provided that where the document had been lost/stolen/ damaged through no negligence on the part of the holder, only the normal fee will be payable.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



, BI-73 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


