﻿

Kopo ya boikwadiso jwa phokoletso

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e e neelana ka tshedimosetso ya go ikwadisetsa phokoletso le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho. Phokoletso e, ke phokotso ya lekgetho la diromelateng le le duelwang fa dithoto di romelwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Modirakopo e seng motho wa boraro o tshwanetse go tlatsa foromo  e seng jalo kopo e ka se amogelwe kgotsa ya sekasekwa

Mo karolong ya mofuta wa modirelwa  lebelela Mo lebokosong la phokoletso mo karolong ya boikwadiso.
Mo karolong ya kgwebo e e rileng (Mofuta wa II wa Modirelwa, o tshwanetse go tlhomama:

leina la kgwebo ya gago
leina la mmila wa lebenkele la phokoletso le nomoro
leina la lebato le nomoro ya kago fao kgwebo ee diragadiwang teng
lefelo la bodirelo le kgwebo e fitlhelwang mo go yona
teropo e kgwebo e fitlhelwang mo go yona
khoutu ya mmila wa bonno fa kgwebo e fitlhelwang mo go ona.

hata ya karolo ya go dira kopo e tshwanetse go tladiwa ke mokopi  fa go dirwa kopo ya boikwadiso jaaka modirisi wa phokoletso.
Leina la mokopi kgotsa la boikwadiso jwa bojotlhe e seng go tlhagisa leina la kgwebo mo lephateng le.
mo go tlhagelelang naletsana () tlosa sengwe le sengwe fa go tlhokegang.
Mo karolong e e rileng ya lebenkele la phokoletso, o tshwanetse go tlhomama:

tlhaloso ya dithoto tse di tla bolokwang ka fa lebenkeleng la phokoletso.


ditlhogo/Dilwana tsa kelotefo ya dithoto tse di romelwang di tla bolokwa ka fa lebenkeleng la phokoletso.
dintlha tsa phokoletso tse di ka fa tlase ga mametlelelo ya dinomoro 3, 4, 5 le 6.
tlhaloso ya dikuno tsa dithoto tse di romelwang/dimeteriale.

Mo karolong ya kano go tshwanetse go totobatswa:

ditlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense
maemo motho yo o dirang kopo, sekao: Mokaedi, Molaodi le Mong
motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena foromokopo
letlha le kopo e tshwanetseng go saenwa ka lona
lefelo le kopo e tshwanetseng go saenwa kwa teng.

Modirakopo o tshwanetse go romela foromo e e tladitsweng kwa kantorong e e gaufi ya Madirelo a Aforika Borwa ya Makgaetho le Ditirelo tsa Melelwane.
Pataganya kopo le dikhopi tse di gatisitsweng tse di latelang:

setefikeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke Mokwadisi wa Ditlamo kgotsa Molaodi wa Kgotlatshekelo fa e le Therasete
tshweetso/Kamego kgotsa thata nngwe e e ka nnang teng
lefapha la Dikgwebo le Madirelo le a letlelela fa go tlhokega
fomula fa o dira kopo ka fa tlase ga dintlhana tsa phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.10
ditlankana tsa boitshupo fa o le moagi wa Aforika Borwa kgotsa ditlankana tsa phaseporoto fa o se moagi mo go:

motho ka mong
bangkanna ba Kgwebo e e Kopetsweng le Teresete – Ditokololo tsotlhe/Bangkaena/Diteresete
setlamo – Bakaedi botlhe, go tsenyeletsa le Molaodi Mokaedi le Mokaedi wa Matlotlo .



Godimo

Molao o dirisiwang

Customs and Excise Act, 1964  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tšhatara/Leano la Tirelo la SARS  le neelana ka boemo ba ditirelo jo bo diragatswang ka 2007.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Security particulars, DA 185C
Licensing/Registration of custom and excise clients, DA185
Registration client type - Rebate User, DA185.4A3

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


