﻿

Kopo ya go ikwadisa jaaka moromelateng

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisetswang go nna moromelateng le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho .

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Foromo ya kopo e e tshwanetseng go tladiwa ke mokopi mme e seng motho wa boraro, fa go se jalo kopo ga e na e amogelwa.
O kopiwa go dirisa kaelo ya kopo go go thusa go dira laesense .
Mo karolong ya mofuta wa modirelwa:

sekaseka lebokoso la netefatso la moromelateng ka fa tlase ga karolo ya ikwadiso.

Mo karolong ya ikwadiso dintlha tsa moromelateng di kaiwe ka tlhomamo jaana:

leina la kgwebo
leina le nomoro ya mmila wa kgwebo
leina le nomoro ya lebato le moago mo kgwebo e e fitlhelwang mo lona
lefelo le fa go gwebelwang teng
teropo fa go gwebelwang teng
khoutu ya mmila wa lefelo le kgwebo e e fitlhelwang mo go lona
ke mang yo nang rwalang maikarabelo a go tlhamiwa le go romela ditlankana tse di yang kwa go Madirelo a Aforika Borwa ; le
kgotsa o tla tlhama le go romela ditlankana kgotsa moemedi o tla thapiwa go dira se.

Karolo ya Dithata tsa go dira kopo e tshwanetse go tlatsiwa ke motho  yo o dirang kopo ya boikwadiso jaaka moromelateng.

Leina la mokopi kgotsa boikwadiso jwa thoto, e seng leina la kgwebo, le tshwanetse go tlhalosiwa fa.
fa go tlhagelelang naletsana (), ralatsa/tlosa dintlha tse di sa tlhokegeng ka fa go kgonagalang.

Mo karolong ya boitlamo, dilo tse di latelang di tlhomame ka tatelano

tlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya tetla
seemo sa motho yo o kopang, sekao mokaedi, molaodi, mong
motho yo o dirang kopo o tshwanetse ke saena foromo ya kopo
lefelo le foromo e saenelwang mo go lona
lefelo le kopo e saenetsweng mo go lona.

Tlatsa foromo ya kopo mme o e romele go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane.
Gokelela dikhopi tse di latelang, tse di gatisitsweng mme di kannwe:

kwadiso ya disetefikeiti tsa kgwebo tse di ntshitsweng ke mokwadisi wa ditlamo
kgotsa mookamedi wa Kgotlatshekelokgolo mo go fitlhelwang e le therasete
tshwetso kgotsa tetla kgotsa thata nngwe jaaka go tlhokega
lefapha la Dikgwebo le Madirelo le amogela fa go tlhokega
sekaelo fa o dira kopo ka fa tlase ga ntlhana ya phokoletso 607.04.10, 60704.10, 607.04.10 le 607.04.10
ditokomane tsa boitshupo/pasa fa o le moagi wa Aforika Borwa
Ditokomane tsa Phaseporoto fa o se moagi wa Aforika Borwa:

Mongwe
Mogwebisani mo mokgatlhong wa kgwebo kgotsa therasete – ditokololo tsotlhe, Bagwebisani kgotsa therasete
Setlamo – baokamedi botlhe, go tseneletsa le molaodi mookamedi le mookamedi wa matlotlo.



Godimo

Molao o dirisiwang

Customs and Excise Act, 1964  Molao wa Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane wa 1964 

Godimo

Boemo jwa tirelo

SARS tsentse mo tirisong boemo jwa tirelo  jo bo tla simololang mo dinyageng di le pedi . Fa o ikwadisa kgotsa o duela, SARS e ikaelela go tsamaisa ikwadiso ya gago ka nepagalo mo malatsing a 21 a go dira.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Licence/Registration of custom and excise clients, DA185 

Registration client type - Importer, DA 185.4A1  


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


