﻿

Kopo ya Boikwadiso jaaka Moromelateng

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tirelo e e neelana ka tshedimosetso ka fa go ikwadisiwang jaaka moromelateng le Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho.

Foromokopo e tshwanetse go tladiwa ke mokopi e seng motho wa boraro.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tsweetswee, leba kaelo ya kopo go go thusa mo tswamaisong ya go go neela laesense.
Karolo A ya Mefuta ya Modirelwa

leba ka mo Lebokosong la tshekatsheko la Moromelateng, ka fa tlase ga boikwadiso.

Mo karolong ya ditlankana tsa Moromelateng, go totobatswe:

leina la kgwebo ya gago
leina la mmila wa lebenkele la phokoletso le nomoro
leina la lebato le nomoro ya kago fao kgwebo e e diragadiwang teng
lefelo la bodirelo le kgwebo e fitlhelwang mo go lona
teropo e kgwebo e fitlhelwang mo go yona
Khoutu ya mmila wa bodirelo mo kgwebo e fitlhelwang mo go ona
Ke mang o tsayang maikarabelo a go bopa le go romela ditokomane go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho
a o tla bopa kana wa romela ditokomane kgotsa moemedi o tla thapiwa go dira se
bua gore o tla romela dithoto go Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka fa tlase ga tumalano ya AGOA.

Karolo ya Thata ya go dira kopo e tshwanetse go tladiwa ke motho  yo o dirang kopo ya boikwadiso jaaka moromelateng kgotsa moromelateng wa AGOA.

Leina la mokopi kgotsa leina la boikwadiso, sekwadisiwa mme e seng leina la kgwebo, le tshwaetse go tlhagelela mo lephateng le.
Mo naletsaneng () e etlhagelelang, tlosa sengwe le sengwe fa go tlhokegang.

Mo karolong ya kano totobatsa tse di latelang:

ditlhakaina le sefane sa motho yo o dirang kopo ya go nna le laesense
maemo motho yo o dirang kopo sekao. Mokaedi, Molaodi le Mong
motho yo o dirang kopo o tshwanetse go saena foromokopo
letlha le kopo e tshwanetseng go saenwa ka lona
lefelo le kopo e tshwanetseng go saenwa teng.

Tlatsa foromo mme o e romele mo kantorong e e gaufi ya Madirelo a Aforika Borwa ya Makgetho le Ditirelo tsa Melelwane.
Pataganya kopo le ditokomane tse di netefaditsweng tse di latelang kgotsa dikhopi tsa tsona:

setefikeiti sa boikwadiso sa kgwebo jaaka se rebotswe ke Mokwadisi wa Ditlamo kgotsa Molaodi wa Kgotlatshekelo fa e le Therasete
tshweetso/Kamego kgotsa thata nngwe e ka nnang teng
lefapaha la Dikgwebo le Madirelo le a letlelela fa go tlhokega
fomula e e dirisiwang fa o dira kopo ka fa tlase ga dintlhana tsa phokoletso 607.04.10, 607.04.10, 607.04.10 le 607.04.10
ditlankana tsa boitshupo fa o le moagi wa Aforika Borwa kgotsa ditlankana tsa phaseporoto fa o se moagi mo go:

motho ka mong
bangkanna ba Kgwebo e e Kopetsweng le Therasete – Ditokololo tsotlhe/Bangkaena/Diateresete
setlamo – Bakaedi botlhe, go tsenyeletsa le Molaodi Mokaedi le Mokaedi wa Matlotlo.



Godimo

Molao o dirisiwang

Customs and Excise Act, 1964  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Ga go nako e e beilweng ya tirelo.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for Registration / Licensing of Customs and Excise Clients, DA 185 

Registration Client Type 4A2 - Exporter, DA 185.4A2 


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala




