﻿
Kopo ya tshabafatso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Motho mongwe le mongwe yo o nang le phemiti ya leruri ya Aforika borwa a ka kgona go dira kopo ya boagi jwa Aforika borwa ka go tshabafadiwa morago ga dingwaga di le tlhano e ntse e le moagi wa leruri.

Motho mongwe le mongwe yo o nyetseng moagi wa Aforika borwa a ka kgona go tshabafadiwa dingwaga di le pedi morago ga go abelwa phemiti ya leruri ya go nna mo Aforika borwa e a e fiwang ka nako e a nyalwang ka yona.

Ngwana yo o ka fa tlase ga dingwaga di le 21 yo o nang le phemiti ya leruri ya boagi a ka kgona go tshabafadiwa fa a se na go fiwa phemiti.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa diforomo BI-63 and BI-757 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae. O ka dira kopo ya gago kwa embasing ya Aforika borwa kgotsa kwa ntlong ya borongwa fa o dira kopo kwa dinageng tsa baditshaba.
O tshwanetse go tlisa phemiti ya boagi ya leruri kgotsa phemiti ya thebolo.
Tlatsa foromo ya SAP  e e nang le sete e e feleletseng ya dikgatiso ya menwana gore o kgone go fiwa setefikeiti sa kgololo sa maphodisa.
Isa foromo e e tladitsweng ya BI-9 ka sete e e feleletseng ya dikgatiso tsa menwana le ditshwantsho di le pedi tsa boitshupo  fa dingwaga tsa gago di le godimo ga di le 15. Se se dirwa gore o kgone go fiwa lekwaloitshupo morago ga go tshabafadiwa.
Motsadi yo o rweleng maikarabelo a ngwana a ka dira kopo mo boemong jwa ngwana yo o sa leng monnye nako nngwe, fa fela ngwana a nna mo Aforika borwa sa leruri le ka molao.
Bakopi ba dikopo tsa bona di rebotsweng, ba tla kopiwa go saena Kgoeletso ya Boikanyego  mme ba ka abelwa setefikeiti sa tshabafatso se se nang le nomoro ya R.
Tokomane ya boitshupo e tla abiwa mme ya neelwa mokopi.
Bakopi ba dikopo tsa bona di sa atlegang ba tla itsisiwe.

Godimo

Molao o dirisiwang



South African Citizenship Act, 1995  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le 2 go ya go di le 4.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



, BI-63 
, SAP  
Residence questionaire, BI-757 

Ela tlhoko: Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. Ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


