﻿

Kopo ya go gololwa go duela lekgetho la lotseno

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Tsholo e e itlhophileng e tla fiwa mekgatlho e e sa boneng lotseno lo lo tlhomilweng go thusa setšhaba ka kakaretso. Le fa go le jalo, tsholo e e itlhophileng e tla nna teng go mekgatlho e e ikamanyang le tshiamelo ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997 le molao o o tsamaisanang le ona.

Mekgatlho e e eletsang go dira kopo ya go gololwa mo go dueleng lekgetho e tshwanela gobo e wela mo maphateng a a latelang:

Setlamo se se tsenyeletswang mo go Karolo ya Molao wa Ditlamo wa Karolo 21 wa 1973. Karolo 21 e na le memorantamo le athikele tsa mekgatlho jaaka e theilwe ka tokomane mme e ikwadisitse le Moikwadisi wa Ditlamo.
Therasete e e nang le tokomane e e nang le go theiwa ka dikano tsa therasete e e ikwadisitsweng le Molaodi wa Kgotlatshekelokgolo.
Mokgatlho wa batho. Mokgatlho o o ithaopang o o busang ke molaotheo.

Fa tokomane ya go thewa e sa ikamanya le ditshiamelo tsa Karolo 30 ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997, kopo e tshwanetse e pataganngwe ke maikemisetso a a kwadilweng a a saennweng ke mokopi. Fa o sa gololwa mo go dueleng lekgetho go tla tswelela go diragala go fitlha mo nakong eo mokopi a ka itsisiweng ke Madirelo a Makgetho a Aforika Borwa  ka tshwetso e e tserweng go ya ka molao o montšhwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Mekgatlho e e sa gololwang semmuso mo go dueleng lekgetho la lotseno jaanong e ka romela diforomokopo tse di tladitsweng le ditokomane tse di tshwanetseng, mmogo le maikaelelo a a kwadilweng, fa motho yo a mo emetseng  go dumela gore o tla ikamanya le tshiamelo ya Karolo 30 ya ya Molao wa Mekgatlho e e sa Boneng Lotseno wa 1997.
Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go pataganngwa le kopo e e tshegetsang:

setlamo: Pataganya dikhopi tsa Memorantamo le Diathekele Lekgotla la 
therasete : Pataganya khopi ya therasete ya kano le nngwe ya tse di latelang tsa dikano tse di fetotsweng.
lekgotla la batho: Pataganya khopi ya molaotheo wa sešweng.

Mekgatlho e e tlhomilweng le maikemisetso a magolo a go neelana ka ditshegetso tsa go ithuta, dibasari le dikabelo tsa thuto, dipatlisiso le go ruta, di tshwanela go tlaleletsa ditokomane tse di tshegetsang tse di fa godimo le tsona di tladiwe ka El 3 Maikemisetso a Kwadilweng.
Dikolo tsa semmuso le tsa  poraefete, ditheo tsa thuto tse di kgolwane, ditheo tsa katiso le thuto ya batho ba bagolo, le ditheo tsa thuto le katiso, gape le ditheo tsa thuto ya katiso le thuto ya bagolo  e tshwanetse go pataganya khopi ya setefikeiti sa boikwadiso se se ntshitsweng ke Bothati jwa Thuto.
Foromo e e tladitsweng le ditokomane tse di matshwanedi di tshwanetse go busediwa morago go:
The Commissioner:SARS
Tax Exemption Unit
P.O. Box 11955
Hatfield
0028

Godimo

Molao o dirisiwang



Taxation Laws Amendment Act, 2000  as amended by Section 78 of Act 19 of 2001; and Section 63 of Act 30 of 2002 and Section 198 of Act 45 of 2003  jaaka o tokafaditswe ke Karolo ya 78 ya Molao wa 19 wa 2001; le Karolo ya 63 wa Molao wa 30 wa 2002 Karolo ya 198 ya Molao 45 wa 2003
Nonprofit Organisations Act, 1997 
Companies Act, 1973 (Act 61 of 1973
Income Tax Act, 1962  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo tsotlhe tse di sa amogelwang ke Yuniti ya go golola mo tuelong ya legetho, e ikaegile ka tshedimosetso e e matshwanedi le ditokomane tse di tshegetsang, e tla ntsha ka khomputara – ditshwetso le kitsiso mo dibekeng di le nne go tloga ka letlha la thomelo.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for exemption from income tax, EI1 

Maikaelelo a a Kwadilweng

Maikaelelo a a Kwadilweng – Ditshegetso tsa go ithuta le dibasari


Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


