﻿Kopo ya phaseporoto ya bojanala
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Phaseporoto ya bojanala ke tokomane e o e tlhokang fa o ya go etela kwa nageng e nngwe gore o tle o kgone go tsena gape mo Aforika Borwa. Phaseporoto ya bojanala e fiwa baagi ba Aforika Borwa ba ba leng dingwaga di le 16 le go feta. E dirisiwa go etela dinaga tsotlhe mo lefatsheng kwantle ga fa go kailwe ka tsela e nngwe. Phaseporoto e tsaya nako ya dingwaga di le lesome go tloga ka letsatsi le e abilweng ka lona.


O tshwanetse wa bo o na le lekwaloitshupo le le khoutilweng ka dinoko di le 13 barakhoutu  kgotsa setefikeiti sa mattsalo fa o batla go dira kopo. Kopo ya phaseporoto le lekwaloitshupo e ka dirwa ka nako e le nngwe fa o sa kgone go leta.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo BI-73 mme o e ise kwa ofising e e leng gaufi le wena ya Lefapha la Merero ya Selegae. Fa o le kwa nageng esele isa foromo kwa embasing kgotsa ntlo ya borongwa..
O tla kopiwa go dira dikgatiso tsa menwana mme tsona di tla rekotiwa mo rejisetareng ya baagi ba naga.
O tshwanetse go tlisa ditshwantsho di le pedi tsa paseporoto.

Godimo

Molao o dirisiwang



South African Passports and Travel Documents Act, 1994  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Phaseporo e ka abiwa mo nakong ya dibeke di le 6.

Godimo

Tlhotlhwa

R176

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a South African passport or travel document, BI-73 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


