
Kopo ya phaseporoto ya nakwana


Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Phaseporoto ya nakwana e abelwa Maaforika Borwa ba ba tshwanetseng go tsaya loeto la tshoganyetso mme go sa kgonagale gore ba ka emela phaseporoto ya tlwaelo go ntshiwa. Phaseporoto ya nakwana e letleletswe dikgwedi di le 12. Fa o dira kopo ya phaseporoto ya nakwana, o tshwanetse go dira le kopo ya phaseporoto ya leruri.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo BI-73 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae mo Aforika Borwa.
isa:

lekwalo le le tlhalosang lebaka le le dirang gore o dire kopo ya tshoganyetso ya phaseporoto
lekwaloitshupo kgotsa setefikeiti sa matsalo
ditshwantsho di le nne tsa phaseporoto
afidafiti fa phaseporoto ya gago e timetse kgotsa e utswitswe.


Godimo

Molao o dirisiwang



South African Passports and Travel Documents Act, 1994  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya malatsi a le 5 go ya go a le 10 a tiro.

Godimo

Tlhotlhwa

Phaseporoto ya nakwana: R85

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a South African passport or travel document, BI-73 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


