﻿

Kopo ya phemiti ya mokopi wa botshabelo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Kopo ya botshabelo e dirwa ke mokopi gore a tle a amogelwe jaaka motshabi mo nageng.

Mokopi wa botshabelo ke motho yo o tshabileng kwa nageng ya gaabo a tshaba go bogisiwa  mme mokopi o a bo a kopa go amogelwa jaaka motshabi- mo lebakeng le mo Aforika borwa. Mokopi o tla tsewa e le mokopa botshabelo fa kopo ya gagwe e ntse e sekwasekwa.

Mokopi wa botshabelo o tla newa phemiti e e sa ntšhwafadiweng kwa lefelo-bogorogelong la Aforika borwa  Phemiti e tsaya malatsi a le 14 mme e naya mong wa phemiti sebaka sa go ipega ka Ofising ya Kamogelo ya Batshabi gore a kgone go dira kopo ya botshabelo.

Motshabi ke motho yo o setseng a abetswe maemo a botshabi le tshireletso go ya ka Molao wa Batshabi 

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Mmatla botshabelo o tshwanetse go tlisa kopo ka sebele kwa lefelo le le tshwailweng RRO, kwa dilo tse di latelang di tla dirwang:

mokopi o tla sekasekwa
mokopi o tla gatisiwa menwana
go tla batlwa moranodi .

Puisano ya ntlha e tla tsamaisiwa ke RRO mme mmatla botshabelo o tla tlatsa foromo BI-1590.
Phemiti ya mmatla botshabelo e tla gatisiwa, ya saeniwa, ya tempiwa mme ya neelwa mmatla botshabelo.
Phemiti e e tsayang malatsi a le 30, e tla letla mmatla botshabelo go nna mo Aforika borwa nakwana. Phemiti e ka katoloswa ka malatsi a le 30 gape mme morago e ka katoloswa ka dikgwedi di le tharo.
Pele phemiti ya gagwe e khutla, mmatla botshabelo o tshwanetse go ipega kwa RRO go dira puisano ya bobedi, e e tla tsamaisiwang ke Motlhankedi wa Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi  .
Tlhomamiso ya Maemo a Batshabi  e tla tswela pele go tlhatlhoba kopo mme e tla tsaya tshwetso malebana le kopo ya botshabelo.
Fa mokopi a ka newa botshabelo,  Motshabi o tshwanetse go dira kopo ya karata ya boitshupo ya batshabi kwa RRO nngwe le nngwe mo malatsing a le 15.
Morago a gore a fiwe karata, motshabi a ka nne a dira kopo ya Lekwalo la Mosepele la Ditumalaono tsa Dinaga tse di Kopaneng  kwa RRO nngwe le nngwe.
Maemo a botshabi a tsaya dingwaga di le pedi, fela motshabi a ka kwala lekwalo le le kopang gore maemo a gagwe a sekasekwe kgotsa nako ya gagwe e okediwe dikgwedi di le tharo pele lekwalo la botshabi le ya bokhutlong.

Godimo

Molao o dirisiwang



Refugee Act, 1998  
1951 UN Convention relating to the Status of Refugees 
1969 OAU Convention Governing the Specific Aspects of Refugee Problems in Africa 
1967 Protocol e e mabapi le maemo a batshabi
1993 Basic Agreement between the Government of South Africa and the UNHCR 
Immigration Act, 2002  as amended Molao wa Khudugelo

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya dikgwedi di le thataro.

Godimo

Tlhotlhwa

Tirelo e ga e duelelwe.

Godimo

Diforomo tse tladiwang

Application for asylum, BI-1590  Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


