
Kopo ya phaseporoto ya tshoganyetso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Phaseporoto ya tshoganyetso ke tokomane e e batlegang ka tshoganyetso fa o batla go etela dinaga tse di mabapi tse go sa tlhokegeng visa ya go tsena kwa go tsona. Phaseporoto ya tshoganyetso e ka dirisiwa go boela mo Aforika Borwa ka tshoganyetso. E tsaya dikgwedi di le robong mo tirisong go tloga ka letsatsi le e abilweng ka lona, le fa e dirisetswa leeto le le lengwe fela go ya kwa nageng e o e etelang le go boela mo Aforika Borwa.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya kopo BI-73 kwa ofising nngwe le nngwe ya Merero ya Selegae mo Aforika Borwa.
Ntsha:

lekwalo le le tlhalosang lebaka le le dirang gore o dire kopo ya tshoganyetso ya phaseporoto
lekwaloitshupo kgotsa setefikeiti sa matsalo
afidafiti fa phaseporoto ya gago e timetse kgotsa e utswitswe
ditshwantsho di le nne tsa phaseporoto.


Godimo

Molao o dirisiwang



South African Passports and Travel Documents Act, 1994 

Godimo

Boemo jwa tirelo

Dikopo di ka tsaya malatsi a le 5 go ya go a le 10 a tiro.

Godimo

Tlhotlhwa

R64

Godimo

Diforomo tse tladiwang



, BI-73 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


