﻿

Kopo go dira phemiti ya tiro ya kakaretso ya karolelo

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Karolelo ya kakaretso ya phemiti ya tiro e ntshiwa go moditšhaba fa motho yo o wela mo karolong e sweditseng ke Lefapha la Merero ya Selegae mo ngwageng ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso morago ga buisana le Tona ya kgwebo le Madirelo le Ditiro. Palo ya diphemiti tsa karolwana eo e ka se fete karolelo e e tlhomamisistsweng ka kitsiso.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromokopo BI-1738 kwa botseteng bofe ka bofe ba Aforika Borwa kgotsa mmisheneng
tlhagisa tshepiso ya go newa tiro 
Romela setefikeiti se se netefaditsweng ke ramatlotlo a tlhalosa:

O ka se thapiwe ka mabaka le maemo a ka fa tlase ga ao a filweng baagi kgotsa badudi 
Tlhaloso ya tiro e o e dirang
Gore tiro e wela mo karolwaneng e kailweng ke Tona
Seemo se se le neng le se se tlatladiwang ke wena
Le gore o na le thuto tse di mo molaong tse di tlhokegang go dira tiro e e kaiwang ke tlhaloso ya tiro.

Romela ditlamego tsa mothapi tsa go duela diphesente di le pedi tsa tuelo ya katiso. .
Yo o e tla nna mothapi o tshwanetse go tlatsa karolwana 13 ,  le  ya foromokopo BI-1738.
Tlhagisa bosupi ba boikwadiso le mokgatlo wa porofeshenale kgotsa boto, fa go tlhokega.

Godimo

Molao o dirisiwang



Immigration Act, 2002  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Tirelo e e tla tsaya malatsi a le 30.

Godimo

Tlhotlhwa

R1 520

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for temporary residence permit, BI-1738 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


