﻿

Kopo ya phaseporoto ya ngwana


Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Phaseporoto ya ngwana ke tokomane e ngwana a e tlhokang go etela naga e nngwe le go kgona go boela mo Repaboliking ya Aforika Borwa. Phasepoto ya ngwana e neelwa bana ba mengwaga a a ka fa tlase ga 16. E na le kamogelesego fa o etela dinaga tsotlhe kwa ntle ga fa e thaladikwe ka tsela e nngwe. E na le kamogelesego ya dingwaga di le 5 go tloga ka letlha le e ntshitshweng ka lona.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Tlatsa foromo ya B1-73 kwa Dikantorong tsa Lefapha la Merero ya Selegae. Tsenya kopo kwa embasing ya Aforika Borwa kgotsa kwa Boromiweng, fa o nna kwa mose.

Kgatiso ya menwana ga e dirwe.

Neelana ka lekwalo la ngwana la matsalo.
Neela ditshwantsho tsa bana tsa phaseporoto tse pedi tsa sešweng.

Tetla ya batsadi ka bobedi kgotsa batlhokomedi e a tlhokege pele ngwana a ka neelwa phaseporoto.

Tlhagisa setifikeiti sa loso fa e le gore mongwe wa batsadi o tlhokafetse.
Fa tetla e neelwa ke motlhokomedi, maemo a motlhokomedi a tshwanetse go totobadiwa.
Mo maemong a a kgethegileng  mme go sa kgonagale gore motsadi yoo a neele tetla mo foromong ya kopo, tetla e e filweng ka lekwalo e tshwanetswe go bonwa go motsadi.
Mo ntlheng e motsadi a ganang ka tetla,kgotlatshekelo e e nang le bokgoni, e tshwanetse go tsaya tshwetso malebana le molato o. Khopi ya taelo e e maleba ya kgotlatshekelo e tshwanetse go pata foromo ya kopo ya phaseporoto.
Fa batsadi ba tlhalane, tetla ya batsadi ka bobedi e a tlhokagala kwa ntle ga fa taelo ya kgotlatshekelo e kaya ka tsela e nngwe .

Godimo

Molao o dirisiwang



South African Passports and travel Documents Act, 1994  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Kopo e tsaya dibeke di le 6 go ya go di le 8.

Godimo

Tlhotlhwa

R133

Godimo

Diforomo tse tladiwang



Application for a South African Passport or Travel Document BI-73 

Godimo

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala


