


Kopo ya go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditumalano 









Tlhaloso 



Lekgotla la ditumalano le dira ka ditumalano tsa setlhopha, go rarabolola kgotlhang tsa kwa tirong, go tlhomamisa dikemo tse di farologaneng le go tshwaela ka melao le melawana ya ditiro.

Mekgatlo ya badiri le makgotla a badirelwa ba ka kopa go bopa dikhansele tsa ditumalano 

Dikhansele tse di kopaneng tsa ditumalano  di ka dira kopo go Mokwadisi wa Kgolagano ya Ditiro mo Lefapheng la Ditiro go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditumalanao . Khansele ya ditumalano efe kapa efe e ka sweetsa go kopana le khansele e le nngwe kgotsa go feta.



Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Badiri



Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa



Dira kopo go Mokwadisi wa Dikgolagano tsa Ditiro go kwadisa khansele e e kopaneng ya ditumalano .

Romela tse di latelang go Mokwadisi wa Dikgolagano tsa Ditiro:
Dikhopi di le pedi tsa kopo ya go kwadisa Khansele ya titumalano 
Khopi ya tshweetso ya dikopano, e e fetisitsweng ke mongwe wa dikhansele tsa ditumalano 
Setefikeiti se se tswang go nngwe le nngwe ya dikhansele mo tshweetsong e ikamanyang le melaotsamaiso ya dikhansele.

Gokelela setefikeiti sa boemedi .



Molao o o dirisiwang



Labour Relations Act, 1995 , Section 34  .



Boemo jwa Tirelo 

Go ka tsaya malatsi a le 60 go tsweletsa kopo.



Tlhotlhwa



Tirelo e ga e duelelwe.



Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa 







Lefelo la bodirelo diaterese le megala





