﻿
Kopo ya thebolo ya ditiro tsotlhe tse di amanang le ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Tlhaloso

Lefapha la Temothuo le tsamaisa Molao wa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng wa 1997. Ona o akaretsa kabo ya diphemiti, go newa tumelelo le disefikeiti tsa:

thekontle ya ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng  go tla mo Aforika Borwa
thekisontle ya di-GMOs go tswa mo Aforika Borwa
tiriso ya di-GMOs tse di mo setshelong di le ka mo laboratoring, phaposi ya dimela kgotsa tshingwana
tlhagiso e e baakanyeditsweng ya di-GMO go di tlwaetsa tikologo ya Aforika Borwa mo diteko di diragatswang mo teng
tsweletso kgotsa go oketsa ditiro tse di neng di dumeletswe mo nakong e e fetileng
go gololwa ga diphatlho tse di (dumeletsweng go dirisiwa jaaka dijo,kotlo kgotsa tse di baakanyetswang di-GMO
go ntsha dijalo ka kakaretso le go di jala gore di tle di rekisiwe le go dirisetswa di-GMO
go kwadisa didiriswa tse di leng botlhokwa mo tirong ya di-GMO
maemo a di-GMO jaaka merwalo.

Godimo

Dikgato tse di latelwang

Netefatsa mofuta wa tumelelo e o e tlhokang mme o tlatse foromo e e maleba.
Elelwa ditlhokego tse di latelang mo ditirisong dingwe:

ditiragatso tsa kakaretso tsa kgololo di tshwanetse go latelwa ke go konosediwa ga ditiro mo tikologong ya mo Aforika Borwa mo sebakeng sa dingwaga di le tharo tsa go jala
ditiragatso tse di tswelelang le tiro di tla amogelwa fela fa e le gore tiro ya mothale o e ne e dumeletswe kwa tshimologong.

Romela foromo ya kopo le palo e e kailweng ya dikhopi tse di tlhokegang go Mokwadise wa di-GMO.
Romela khopi e nngwe gape ya kopo, e mo go yona go se nang tshedimosetso ya sephiri ya kgwebo, go Mokwadise wa di-GMO.
Duela madi a a beilweng .
Romela pegelo/raporoto ya ditiro tse di konoseditsweng mo nakong e e fetileng .
Romela bosupi jwa dikitsiso tsa phatlhalatsa .
Bakopi ba tshwanetse go dirisa dikaelo tse di latelang:

guideline document for work with genetically modified organisms 
guideline document for use by the Advisory Committee when considering proposals/applications for activities with genetically modified organisms 
terms of reference for sub-committees to assist the Advisory Committee in terms of Section 11 of the Genetically Modified Organisms Act, 1997   ya Molao wa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng 1997 
guideline document for making a public notification in terms of Regulation 6 of the GMO Act 
GMO transit policy .


Godimo

Molao o dirisiwang

Genetically Modified Organisms Act, 1997  

Godimo

Boemo jwa tirelo

Mokwadise, netefatsa gore kopo e matshwanedi go ya ka ditlhokego tsa Ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng , 1997.
Komiti-Keletso e sekaseka data/dintlha tsa bosaense  tse di rometsweng ga mmogo le lekwalokopo mme e dire dikatlenegiso malebana le pabalesego ya tiro e e kopiwang mo go Khansele ya Khuduthamaga.
Mokwadise o amogela dikakanyo tsa batho mo nakong e a e filweng.
Khansele ya Khuduthamaga e dira tshwetso malebana le kopo, ba lebile kopo ka boyona, dikatlenegiso tsa Komiti-Keletso,dikakanyo tse di rometsweng ke batho,ditlamorago tse e ka nnang le tsona mo dtheong tse di jaaka temothuo, boitekanelo, tikologo,ditiro, kgwebo, saense le thekenoloji ga mmogo le tlhabololo ya thekenoloji.
Fa tshwetso ya Khansele ya Khuduthamaga e le e ntle,Mokwadise o dumelelwa go aba phemiti.
Mokwadise o aba phemiti e e maleba.
Diphemiti tsotlhe di tsamaya mmogo le mabaka a di a beetsweng.
Batlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng Temothuo ba tlhokomela gore mabaka a a beilweng mo phemiting a a diragadiwa.

Godimo

Tlhotlhwa

