laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Go kwadisa mokoro wa go thaya ditlhapi
Laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi laesense ya selegae go thaya ditlhapi lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Go rwala kgotsa go tshwara dijo tumelelo ya tshwaro ya maswi le thwalo
Kopo ya tshwanelo ya go potiela
Kopo ya ya tumelelo ya moepo
Kopo ya tshwanelo ya moepo kwadiso ya tiriso ya metsi
Tirelo ya poso e e sa beeletswang
Laesense ya go dirisa Tirelo ya Poso e e Beetsweng
Tirelo ya kgaso ya maatla a modumo o o kwa tlase
Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso
Tirelo ya modumo wa kgaso ya setshaba
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Go kopa tumelelo kgotsa lekwalotetla
Laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi
Kopo ya laesense ya sediriswa sa seeng sa go thaya ditlhapi
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Sediriswa sa seeng sa go thaya ditlhapi ke sa motho yo e seng moagi wa Aforika Borwa, k.g.r. motswantle mme se kwadisitswe ka fa tlase ga Naga ya Folaga e nngwe e e seng Rephaboliki ya Aforika Borwa. Ke fela ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng mo sediriswa se se ka hiriwang kgotsa sa dirisiwa ka fa tlase ga konteraka ke Motshola-Tshwanelo wa Aforika Borwa go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi mo teng ga Lefelo le le Kgethegileng la Ikonomi (Exclusive Economic Zone) (EEZ) kgotsa mo metsing a boditšhaba ka fa tlase ga folaga ya RSA.
Ga go sediriswa sa seeng se se tla newang laesense ya go thaya ditlhapi ya Aforika ntle fela le ka fa tlase ga kopanelo le Motshola-Tswanelo wa Aforika Borwa. Pele o ka nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi, o ka ikgolaganya le Lefapha la Merero Tikologo le Bojanala go sekaseka gore a go hiriwa ga sediriswa sa seeng go ka letlwa mo lekaleng le le rileng la go thaya ditlhapi le gore ke ditlankana dife tse di tlhokegang gore kopo e e ntseng jalo e atlege.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa go bonala go na le tshegetso ya tiriso ya sediriswa sa seeng modirakopo o tshwanetse go bona foromo ya kopo ya laesense ya sedirisa sa seeng kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Merero Tikologo le Bojanala.
o leina la sediriswa sa go thaya ditlhapi o leina le dintlha ka botlalo tsa mong wa sediriswa (go akaretsa dišere tsa mokoro fa e le gore ke mokoro o o tlhakanetsweng le baagi ba Aforika Borwa)
o maatla a enjene ya sediriswa se o boleele ga mmogo le mothamo wa sediriswa o nomoro kwadiso ya sediriswa o leina la Naga ya Folaga e sediriswa se kwadisitsweng ka fa tlase ga yona (fa o hirilwe mo Aforika Borwa kgotsa o tlhakanetswe le moagi wa Aforika Borwa)
o setifikeiti sa pabalesego se se diragang go tswa go Naga ya Folaga.
Didiriswa tsotlhe tsa seeng di tshwanetse go nna le INMARSAT C VMS tse di dirang tse di ikarabelang go Botsamaisi jwa Mawatle le Mabopo (Marine and Coastal Management). Karolo ya Ditiro ya Botsamaisi jwa Mawatle le Mabopo e tshwanetse go netefatsa se.
Mo kopong ya gago, supa lekala la go thaya ditlhapi le sediriswa se se tla bewang mo go lona le paka ya go bewa ga sona.
Lekwalo la semmuso go tswa kwa Bothating jwa go Thaya Ditlhapi ga Naga ya Folaga (Flag State's Fisheries Authority) le tla tlhokega, le tlhalosa gore:
o sediriswa se dumeletswe go thaya ditlhapi mo metsing a Aforika Borwa o sediriswa ga se ise se nne le seabe mo tiragalong ya go thaya ditlhapi e e seng mo molaong, e sa Lekanyediwa e bile e sa Begwa (IUU)
o bothati jwa go Thaya Ditlhapi jwa Aforika Borwa bo ka se tseye maikarabelo a go tlhokomela sediriswa o bothati jwa go Thaya Ditlhapi jwa Aforika Borwa bo tla tsaya maikarabelo a go bega go tshwara go Mekgatlo ya Botsamaisi jwa go Thaya Ditlhapi jwa Didika (Regional Fisheries Management Organisations) (RFMOs) fa go tlhokega o go ya ka RFMOs dipalopalo tsotlhe tsa ditlhapi tse di tshwerweng, e ka tswa e le mo teng ga EEZ ya Aforika Borwa kgotsa mo Mawatleng a a kwa Godimo, e tla nna ga Aforika Borwa mo pakeng yotlhe ya tumalano ya khiro o sediriswa sa seeng se tla thaya ditlhapi ka fa tlase ga melawana le dipeelo tsa tetla ya Aforika Borwa.
Fa sediriswa se e se sediriswa se se tlhophilweng go ya ka tiragalo ya go rebola ditshwanelo, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya phetisetso ya sediriswa. Gore sediriswa se dumelelwe go thaya ditlhapi, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya tetla ya go tshwara go ya ka lekala se sediriswa se yang go thaya ditlhapi mo go lona.
Sa bofelo, fa modirakopo a bonela pele gore sediriswa se tla thaya ditlhapi le mo Mawatleng a a kwa Godimo ka paka ya khiro, gone o tshwanetse go tlatsa le foromo ya kopo ya Mawatle a a kwa Godimo.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo ya go dirisa sediriswa sa seeng (go akaretsa phetisetso ya sediriswa, tetla ya go tshwara le laesense ya mawatle a a kwa godimo) e ka tsaya matsatsi a le 14 go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Godimo
Tlhotlhwa
R21 200- ya laesense ya sediriswa sa seeng
R1 695 - ya laesense ya mawatle a a kwa godimo
R790 - ya tetla ya go tshwara
Ga jaana dikopo tsa phetisetso ya didiriswa ke mahala
Godimo
Diforomo tse tladiwang
The foreign vessel licence (Diforomo tsa kopo tsa laesense Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao)
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Kapa-Bodikela
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
