Kopo ya go ntshwafatsa laesense ya go nna le sethunya
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya go bona lekwalotetlalaesense ya tlhobolo e
Kopo ya go ntshwafatsa laesense ya go nna le sethu
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Go dirisana le molao
Ditlhobolo
Kopo ya go ntshwafatsa laesense ya go nna le sethu
Kopo ya go ntshwafatsa laesense ya go nna le sethunya
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Molao wa Taolo ya Dithunya, 2000, o ikaelela go netefatsa gore motho o na le bokgoni jwa go ka nna le sethunya.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
O tshwanetse go feleletsa teko e o e tlhaoletsweng go netefatsa kitso ya gago ya Molao mo setheong sa katiso sa mothelesi se se neelang ka makwalotshupo. Fa o amogela setifikeite sa katiso go tswa mo go mothelesing wa katiso kgotsa mo go SASSETA (Pabalesego le Tshireletso SETA) (Safety and Security SETA), o tshwanetse go dira kopo kwa Tirelong ya Sepodisi mo Aforika Borwa (South African Police Service) gore o bone setifikeite sa bokgoni.
O ka nna wa re ka yona nako eo wa kopa gore o ntšhwafatse makwalotetla/dilaesense tsa gago tse di farologaneng tsa dithunya tse o nang le tsona. Dinako tsa ntšhwafatso tse di latelang, go ya ka letlha la matsalo, di ka dirisiwa.
Diphalane go fitlhela 31 Sedimonthole
Tsamaya ditokomane tse di latelang fa o ya kwa go Motlhankedi wa Sepodisi wa Inakemo ya Dithunya a ke (Designated Firearms Officer) (DFO) kwa seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le fa o nnang teng.
o lekwalotshupo/pasa ya gago ya semmuso o laesense ya gago ya tshimologo, tumelelo/phemiti ya dithunya tse o batlang go di ntšhwafatsa o setifikeite sa katiso sa tshimologo se o se boneng go tswa go mothelesi wa katiso yo o neelang ka makwalotshupo o setifikeite sa bokgoni sa tshimologo (fa e le gore se setse se ntshitswe).
o ditshwantsho tsa mmala tse di bonalang tse di lekanang le tsa phaseporoto, tse di sa feteng dikgwedi di le tharo di ntse di le teng ditshwantsho di le pedi tse di batlegang mo makwalotetleng/dilaesenseng tsotlhe fa o batla go ntšhwafatsa le tse pedi gape fa o batla go kopa setifikeite sa bokgoni
Tlatsa dikarolo tse di nepagetseng mo diforomong tsa SAPS 517 Kopo ya setifikeite sa bokgoni le SAPS 517e Kopo ya go ntšhwafatsa laesense go ya ka Molao o o kwa godimo.
Tlatsa mametlelelo e e tlhomilweng mo foromong ya SAPS 517(e), e e bonwang mo seteišeneng sa mapodisi, mo lekwalotetleng/laesenseng nngwe le nngwe e o batlang go e ntšhwafatsa. Motlhankedi wa Sepodisi wa Inakemo wa Dithunya (DFO) o tla tsaya kgatisomenwana e e feleletseng mo kopong ya gago ya setifikeite sa bokgoni.
DFO o tla go neela kgakololo ya thomelo ya madi SAPS 523a le go go laela kwa kantorong ya matlole kwa seteišeneng sa mapodisi go ya go duela tuelo e e tshwanetseng ya R70 ya setifikeite sa bokgoni le R70 ya laesense nngwe le nngwe ya tlhobolo/sethunya e o batlang go e ntšhwafatsa. Tuelo e tshwanetse go diriwa ka go neela madi mo seatleng kgotsa ka tšheke ya banka e e netefaditsweng. O tla ntshediwa rasiti ya ditshenyegelo Z263 jaaka netefatso ya gore o duetse. Tlisa Z263 kwa go DFO gore a kgone go tsweletsa tiragatso ya kopo ya gago.
O tla amogela rasiti e e amogelang gore o duetse, e bile e saennwe (SAPS 523) jaaka netefatso ya gore o tlisitse dikopo tse di rileng tsa gago tsa go ntšhwafatsa makwalotetla/dilaesense tsa dithunya tsa gago.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
DFO o tla go naya tlhatlhobo ya maitshetlego go tlhotlhomisa gore o motho yo o itekanetseng gape yo o siameng go ka nna le tlhobolo/sethunya. DFO o tla dira gape tlhatlhobo go ya go bona kwa o nnang teng go tlhotlhomisa maemo a pabalesego ka mo gare le kwa ntle ga lefelo la gago, le polokelo ya gago ya tlhobolo/sethunya go netefatsa gore a tsamaisanammogo kgotsa go dirisanammogo le maemo a Biro ya Boemo ya Aforika Borwa (SABS). Fa o bone laesense ya gago pele ga July 2004 mme o tshwanelwa ke go ntšhwafatsa laesense eo, ga o a tshwanela go reka polokelo e ntšhwa. Ditlhokego tse di leng teng go ya ka Melawana ya Ditlhabano ya 1994 (Arms le Ammunition Regulations, 1994), di a tlhokomelwa gore di tsewe. Fa e le gore nngwe ya dipolokelo tsa gago ga e tsamaisane le ditlhokego tse, o tla tshwanelwa ke go reka polokelo e ntšhwa e e dumalelanang le ditlhokego tsa maemo a SABS.
Mo tlhokomelong ya katlego ya kopo ya gago, DFO o tla ikgolaganya le wena ka boena gore o tle go tseya setifikeite sa gago sa bokgoni (fa e le gore ga se ise se ntshiwe) le laesense ya gago.
Godimo
Tlhotlhwa
Laesense nngwe le nngwe: R70
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
