Kopo ya tumelelo ya thekisontle
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Tekisontle ya dijalo le dikumo tsa dijalo thekisontle ya tlhapi ka maikaelelo a kgwebo
Kopo ya thuso ya phasalatso ya thomelontle le peel
Kopo ya tumelelo ya thekisontle
Rebola le go kwadisa leruo la diromelwantle
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa thomeloteng le tsa diyantle
Lekwalotetla la thomeloteng kgotsa diyantle
Kopo ya tumelelo ya thekisontle
Kopo ya tumelelo ya thekisontle
Tlhaloso
Tumelelo ya thekisontle e a tlhokega go netefatsa gore motho kgotsa setlamo se se ikaelelang go dira thekisontle ya dithoto ba latela melawana e e beilweng ya dikutlwano tsa boditshabatshaba tse di beilweng. Ditumelelo tsa thekisontle di thusa gape ka togamaano ya taolo ya go ntshiwa ga dithoto le go lemoga dithoto tsa bogodu le tse di rekisiwang ka bokhukhuntshwane.
Pholisi ya dithekontle le dithekisontle tsa dithoto e e dirisiwang e farologana go tswa mo lekokong go ya go le lengwe. Ntlha e nngwe ke gore, dithoto tse dintshwa ka bontsi, di golotswe mo dikgatong tsa taolo ya dithekontle. Ka jalo, fa o tlhoka tshedimosetso malebana le pholisi ya dithekontle le dithekisontle tsa dithoto tse di rileng, tswee-tswee, ikgolaganye le ofisi ya Taolo ya Dithekontle le Dithekisontle e e leng kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Ga se dithoto tsotlhe tse di tshwanetseng go tlhatlhobiwa ke ba taolo ya dithekontle le dithekisontle. Le fa go ntse jalo, dithoto tsotlhe tse di dirisitsweng, tsa masalela (waste)ga mmogo le dikgeregere (scraps) di tshwanetse go tlhatlhobiwa ke ba taolo ya thekontle. Go na le lenane la dithoto tse di tshwanetseng go feta ka fa tlase ga taolo ya dithekontle le dithekisontle . Fa o ka naya ba Lefapha dintlha tsa gago tsa bodirelo, diaterese le mogala wa gago, lenane le ka romelwa kwa go wena, la fekesiwa kgotsa la romelwa ka emeile.
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le ba Taolo ya Dithekontle le Dithekisontle mo Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Tlatsa diforomo tsa kopo tse o tla di bonang go tswa kwa Lefapheng la Dikgwebo le Intaseteri.
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Go ka tsaya malatsi a le mararo go konosetsa kopo ya gago ya tumelelo ya dithekisontle.
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Lefelo, bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
