Kopo e e diriwang kwa go komiti ya ditirelo tse di tlhokegang
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Thomelo ya kgotlang go CCMA go tlisa kutlwano
Molao wa go phiketa wa CCMA ka nako ya boipelaetso
Tlhomamiso ya botlhokwa jwa tirelo
Netefatso ya gore kgwebo ke tirelo ya tlamelo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Kamano ya ditiro
Kamano ya ditiro
Netefatso ya gore kgwebo ke tirelo ya tlamelo
Kopo e e diriwang kwa go komiti ya ditirelo tse di tlhokegang go netefatsa gore kgwebo ya mothapi yotlhe kgotsa karolo ya yona, ke tirelo ya tlamelo
Tlhaloso
Mothapi a ka nna a dira kopo ka go kwalela komiti ya ditirelo tse di tlhokegang go tla go netefatsa gore kgwebo yotlhe kgotsa karolo ya tirelo ya mothapi ke tirelo ya go tlamela.
Tirelo e kaiwa jaaka tirelo ya tlamelo fa kemiso ya tirelo eo, e na le nonofo ya go tlisa tshenyo e e bonwang ka matlho mo karolong nngwe le nngwe e go dirwang mo go yona, feketiri kgotsa metšhene.
Batho bangwe ba ba nang le kgatlhego, ba ka nna ba fetola ka go romela tsibogelo/phetolo ya bona mo malatsing a le 21, morago ga go amogela kopo, kwa go Ditirelo tse di Tlhokegang.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa kopo go Ditirelo tse di Tlhokegang tsa Khomišene ya Poelano le Botsereganyi (CCMA)
Tlatsa foromo ya LRA 4.3 mme o e romele kwa go Komiti ya Ditirelo tse di Tlhokegang kwa CCMA
Khopi ya foromo e, e tshwanetse go neelwa lekoko le lengwe mme go netefatswe gore khopi ya foromo e e neetsweng lekoko le lengwe e neelwe ka go e gokelela:.
Khopi ya setlankana se se tswang kwa Posokantorong se tshwanetse go gokelelwa.
Khopi ya resiti e e saennweng fa e isitswe ka seatla e tshwanetse go gokelelwa.
Setatamente se se saenilweng se se netefatsang gore tirelo e, e dirilwe ke motho yo o tlisitseng foromo, se tshwanetse go tla le kopo.
Khopi ya setlankana se se netefatsang fa fekese e rometswe kgotsa bopaki bongwe le bongwe jo bo kgotsofatsang, bo ka gokelelwa.
Molao o o dirisiwang
Molao wa Botsalano jwa Ditiro wa 1995 (Molao wa 66 wa 1995), Karolo ya 75 
Boemo jwa Tirelo
Ga go na nako e e tsepameng e e beilweng, go tla laolwa ke lekoko le le dirang kopo ya ditirelo tse di tlhokegang.
Tlhotlhwa
Tirelo e, ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
