Phetolo ya tlamelo
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kgopelo ya go fiwa ngwana
Tuelo ya tlamelo ya bana
Phetolo ya tlamelo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Botsadi
Thulaganyo ya tlamelo
Phetolo ya tlamelo
Phetolo ya tlamelo
Tlhaloso
O ka nna wa kopa gore madi a a duelwang a tlamelo a fetolwe, ka gonne a sa lekane kgotsa ga o sa kgona go duela madi ao a tlamelo.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Fa o le motho yo o amogelang tlamelo:
Dira kopo kwa kgotlatshekelo ya mmagisetera yo o leng mo kgaolong e motho yo o duelang tlamelo a nnang mo go yona.
Tlatsa foromokopo e e maleba mme o e ise, mmogo le setatamente sa letseno la gago le ditshenyegelo kwa go motlhankedi wa tlamelo..
Fa o le motho yo o duelang tlamelo fela o sa tlhole o kgona go duela madi ao:
Dira kopo ya go tlhabolola taelo kwa kgotlatshekelo ya mmagisetera yo o leng mo kgaolong e motho yo o mo duelang tlamelo a nnang mo go yona.
Tlatsa foromokopo e e maleba mme o e ise kwa go motlhankedi wa tlamelo.
Isa setatamente se se feletseng sa letseno le ditshenyegelo, mmogo le pego e e tlhalosang mabaka a go dira kopo e, kwa go motlhankedi wa tlamelo go sa re sepe gore o moduedi kgotsa o moamogedi wa tlamelo ya madi. Tsamaiso e e tshwanang le fa kopotuelo ya tlamelo e ne e dirwa lwa ntlha, e tla latelwa.
Molao o o latelwang
Boemo jwa tirelo
O tla tshwarwa ka go lekana, ka botho , seriti le le ka tlotlo.
Kopo ya gago e tla sekasekiwa ka bonako jo bo kgonagalang le ka nonofo.
Tsenya dingongorego tse o nang le tsona go Mmatlisisi wa Tlamelo, Motlhankedi wa Tlamelo, Motsamaisi wa Kgotlatshekelo, Tlhogo ya Kgaolo,: Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo, kgotsa kwa go Borakanelo jwa Tirelo ya Manontlhotlho, Lefapha la Bosiamisi la Setšhaba le Diporojeke tsa Tlhabololo ya Molaotlhomo wa Tlamelo , kgotsa kwa go Bokaedi: Ditlhagiso tsa Bong.
Tlhotlhwa
Kwa ntle ga fa sherifi e kopa ketleetso go mo kgontsha go diragatsa taelo e, go tlile go nna le ditshenyegelo tse dinnye kgotsa ga go kitla go duelwa ka gope.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Porofense:
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
