Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya kabelo ya lesole
Tlhokomelo ya boikaego
Kabelo go tshegetsa ngwana
Letlole la go fatlhosa ngwana phensene ya batsofe
Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Tsosoloso ya batho ba ba sa itekanelang
Tlhokomelo ya batsofe ba ba bokoa
Ditirelo tsa tshegetso ya balelapa
Go naya batswasetlhabelo maatla
Thuso ya madi
Thibelo le tsosoloso ya tirisobotlhaswa ya ditagi
Tumelelo mo legaeng la batsofe
Kopo ya kabo go ya ka LRAD
Tirelo ya Pabalesego ya dijo
Tuelo ya kabelo loago
Tsietso ya kabelo loago
Motho yo o ka amogelang kabelo
Ketleetso ya legae la bana
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Madi le dipoelo tsa loago
Ditirelo tsa loago
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Ditirelo tsa motheo tsa masepala tsa mahala ke ditirelo tse di tlamelwang go malapa a a humanegileng ke Puso ntle le tuelo epe. Ditirelo di akaretsa metsi, motlakase, kgelelo-leswe le go olela matlakala. Ditirelo tse di tlamelwa ke bomasepala e bile di akaretsa selekano sa minimamo sa motlakase, metsi le kgelelo-leswe tse di lekaneng go tlamela ditlhokego tsa motheo tsa malapa a a humanegileng. Le fa go le jalo, dipholisi tse di laolang tlamelo ya kgelelo-leswe ya motheo le go olela matlakala di sa ntse di tla konosediwa ke mafapha a kgaolo a a maleba a Merero ya Metsi le Dikgwa le Merero ya Tokologo le Bojanala.
Metsi a motheo a mahala
Metsi a motheo a mahala a akaretsa bonnye selekano sa motheo sa dikilolitara tse 6 (6000l) tsa metsi ka kgwedi go lelapa lengwe le lengwe. Selekano se, se ka farologana go ya ka bomasepala mme o tshwanetse go ikgolaganya le masepala wa gago ka tlhamalalo go batlisisa gore tota ke eng tirelo ya metsi a motheo a mahala a ba a tlamelang. O tshwanetse go duelela metsi a o a dirisitseng mo godimo ga a o a reboletsweng ntle le tuelo.
Motlakase wa motheo wa mahala
Selekano sa motlakase wa motheo wa mahala ke 50kWh go lelapa lengwe le lengwe ka kgwedi go mokgwa wa maatla a kiriti (grid-energy system) (a a golagantsweng ka tiriso ya lenaneo la go tsenngwa ga motlakase wa bosetšhaba). Selekano se sa motlakase se tla lekana go ka tshuba mabone, go thuthufatsa metsi ka ketlele, go sidila diaparo, go tshuba thelebišene e e seng ya mmala, le go tshuba seyalemowa.
Badirisi ba ba nang le dimitara tsa motlakase o o dueletsweng-kwa-pele ba tla kgona go bona fa motlakase wa mahala o dirisitswe otlhe, mme ba tla tshwanela go reka motlakase gape. Badirisi ba ba nang le dimitara tse di tlwaelegileng kgotsa tse ba duelang morago ga tiroso ga ba kitla ba kgona go bona bonolo fa ba dirisitse diyuniti tsotlhe tsa motlakase wa bona. Ba tla duedisetswa tiriso ya tlaleletso kwa bokhutlong jwa kgwedi nngwe le nngwe.
Badirisi ba ba sa kgoneng go fitlhelela go tsenngwa ga motlakase wa maatla a kiriti (grid energy electrification) ba ka tlamelwa ka maatla a e seng a kiriti (non-grid energy) ke bomasepala ba bona. O tshwanetse go ikgolaganya le masepala wa gago go batlisisa gore ke mefuta e mengwe efe ya metswedi ya maatla e e tlamelwang.
Go nna le motlakase le metsi a a tsentsweng mo lelapeng la gago kgotsa mo ditsheng tsa gago tsa kgwebo, ikgolaganye le masepala wa kgaolo ya legae la gago le lešwa kgotsa kgwebo ya gago e ntšhwa.
Mo dikgaolong tse dingwe, motlamedi wa bosetšhaba, Eskom, o tlamela motlakase ka tlhamalalo.
Kgelelo-leswe ya motheo ya mahala
Puso ga e ise e tsenye lenaneo la kgelelo-leswe ya mahala. Lefapha la Merero ya Metsi le tlhabolola mokgwa (framework) wa go tlamela ka kgelelo-leswe la motheo la mahala. Fa leano (strategy) le se na go konosediwa, bothati jwa selegae jo bo tlamelang ka ditirelo tsa kgelelo-leswe bo tla se tsenya.
Go olela matlakala ga motheo ga mahala
Puso ga e ise e tsenye lenaneo la go olela matlakala la mahala. Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le tlhabolola mokgwa (framework) wa go tlamela ka ditirelo tsa go olela matlakala tsa motheo tsa mahala. Fa leano (strategy) le se na go konosediwa, bothati jwa selegae jo bo tlamelang ka ditirelo tsa go olela matlakala bo tla se tsenya.
Go duelela ditirelo tsa masepala
Go na le mefuta e mebedi ya go duelela ditirelo tsa masepala:
Diakhaonto tsa go duelelwa-kwa-pele
Akhaonto ya go duelelwa-kwa-pele e kaya gore o reka diyuniti (kWh/kl) e bile e ka dirisa fela palo ya diyuniti tse di rekilweng. Fa fela o se na go dirisa diyuniti tsotlhe, e bile o sa ntse o tlhoka tse dingwe, o tshwanetse go reka gape.
Diakhaonto tse o duelang kwa morago
Diakhaonto tse o duelang kwa morago di go letla go dirisa selekano sefe kana sefe sa motlakase kgotsa metsi. Masepala wa gago o tla go romelela kanego (statement) ya kgwedi le kgwedi e e bontshang selekano sa metsi kgotsa motlakase o o dirisitsweng, gammogo le tlhwatlhwa e o tshwanetseng go e duela.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le diofisi tsa masepala wa gago wa selegae.
Tlaya le ditokomane tse di latelang:
o khopi e e tempilweng semmuso (certified copy) ya lekwaloitshupo la gago o bopaki jwa bonno kgotsa jwa kwa meagong ya kgwebo ya gago
Foromo ya kopo e e tladitsweng ka botlalo.
Duela tlhwatlhwa e e tlhalositsweng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Go tsamaisa kopo ya gago go simolola letsatsi leo o dirang kopo ya gago go bona thuso (ditirelo tsa motheo tsa mahala). Kopo ya gago e tla sekasekwa mme go tla swetswa gore a o dumelelwa (qualify) go bona ditirelo tsa motheo tsa mahala (tshegetso ya bahumanegi) kgotsa nnyaa. Go tswa mo goreng ditsamaiso (systems) tsa masepala wa gago di ntse jang, o tla kwadisiwa gore o letleletswe go bona tshegetsi ya Ditirelo tsa Motheo tsa Mahala, le go fiwa keretiti kgotsa tshegetso e e tlhokegang ya maleba.
Godimo
Tlhotlhwa
Metsi Dilitara tsa ntlha tse 6 000 go lelapa lengwe le lengwe ka kgwedi ke mahala, dilitara morago ga tse di duelelwa go ya ka direiti tsa masepala.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Go dira kopo ya tshegetso ya bahumanegi (Ga e teng mo inthaneteng). Bomasepala ba le bantsi ba na le diforomo tsa go dira kopo. Botsa masepala wa gago ka ga go dira kopo ya tshegetso ya bahumanegi.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
