Kopo ya kabelo ya lesole
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya kabelo ya lesole
Tlhokomelo ya boikaego
Kabelo go tshegetsa ngwana
Letlole la go fatlhosa ngwana phensene ya batsofe
Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Tsosoloso ya batho ba ba sa itekanelang
Tlhokomelo ya batsofe ba ba bokoa
Ditirelo tsa tshegetso ya balelapa
Go naya batswasetlhabelo maatla
Thuso ya madi
Thibelo le tsosoloso ya tirisobotlhaswa ya ditagi
Tumelelo mo legaeng la batsofe
Kopo ya kabo go ya ka LRAD
Tirelo ya Pabalesego ya dijo
Tuelo ya kabelo loago
Tsietso ya kabelo loago
Motho yo o ka amogelang kabelo
Ketleetso ya legae la bana
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Madi le dipoelo tsa loago
Ditirelo tsa loago
Kopo ya kabelo ya lesole
Thuso ya madi a puso e e newang masole a ntwa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Mogale wa ntwa ke motho yo o nnileng le seabe mo Ntweng ya Ntlha (1914-1918) kgotsa ya Bobedi ya Lefatshe (1939-1945) kgotsa Ntwa ya Korea (1950-1953).
Baboelwa ba ba sa kgoneng go itlhokomela mme ba tlhoka tlhokomelo ya ka gale go tswa go mongwe ba ka dira kopo ya thebolelo ya thuso mo godimo ga dithebolelo tsa katlaatlelo.
Tlhwatlhwa ya thebolelo ya bagale go tloga ka Morananang 2008 ke R960 ka kgwedi.
Go dira kopo ya thebolelo o tshwanetse go:
bo o le moagi wa Aforika Borwa kgotsa monni wa leruri bo o le monni wa Aforika Borwa ka nako ya go dira kopo bo o le dingwaga di le 60 le go feta, kgotsa o golafetse bo o lwele mo ntweng ya Ntlha kgotsa ya Bobedi ya Lefatshe, Ntwa ya Korea kgotsa o dirile mo ntweng e e simolotseng ka 6 Lwetse 1939
Teko ya tlhoko ke teko e e dirisiwang go lekanyetsa maemo a matlole a modirakopo. Gore o amogele thebolelo, maemo a gago a matlole a tshwanetse go nna kwa lase ga tlhwatlhwa e e rileng. Ka 2008, teko ya tlhoko ya thebolelo ya bagale ba ntwa ya motho yo o sa nyalang e ne e re o ka se bone thebolelo fa thoto ya gago e le kwa godimo ga R451 200 fa o sa nyala. Ntlo e o nang nayo e ne e sa tsewe tsia fa o nna mo go yona. Lotseno lwa gago le lona le tshwanetse go nna kwa tlase ga R26 928 ka ngwaga fa o sa nyala.
Fa o nyetse o ka se bone thebolelo fa dithoto tsa gago le mogatso di le kwa godimo ga R902 400 ka ngwaga. Ntlo e e leng gore ke ya mongwe wa lona, e ka tsewa tsia fa e le gore le nna mo go yona. Lotseno lwa gago le lwa mogatso le tshwanetse go nna ka fa tlase ga R53 856 ka ngwaga.
bo o sa tlhokomelwe mo setheong sa Puso o sa amogele thebolelo e nngwe ya loago (ntle le thebolelo ya thuso).
Thebolelo e duelwa ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
madi a a seatleng kwa Mafelong a Tuelo ka letsatsi le le rileng go tsenngwa ga madi mo akhaontong ya gago ka mokgwa wa ileketeroniki (banka e ka go duedisetsa tirelo e)
kantoro ya Poso setheo (sk. legae la batsofe).
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo kwa kantorong e e gaufi nao ya tshireletso ya loago (SASSA).
Fa o tsofetse kgotsa o lwala thata go ka ya kwa kantorong eo go dira kopo, kopa mongwe gore a go kopele go etelwa mo gae boemong jwa gago. Motho yoo o tshwanetse go tlisa lekwalo le le tswang mo go wena le lekwalo la ngaka le le supang gore o ka se kgone go etela kantoro eo.
Tlatsa foromo ya kopo go na le motlhankedi go tswa kwa lefapheng.
Romela foromo e e tladitsweng go motlhankedi mmogo le ditlankana tse di latelang:
o ekwaloitshupo (ID) la bakhoutu la Aforika Borwa, mme fa o na le molekane, ID ya gagwe le yona e a tlhokega o bosupi jwa tirelo ya gago mo ntweng, e ka nna setifikeiti sa tirelo ya ntwa kgotsa dimmetale tsa gago tsa ntwa o fa o le kwa tlase ga 60, tlhatlhobo kgotsa pegelo ya boitekanelo e e tlhalosang gore o ka se kgone go dira.
Tshedimosetso ka ga kemo ya gago ya nyalo:
o fa o sa nyala, afitafiti e e tlhalosang gore ga o a nyala o fa o nyetse, setifikeiti sa gago sa lenyalo o fa o tlhadile, lekwalo la tlhalo o fa mogatso a tlhokafetse, setifikeiti sa gagwe sa loso.
Tshedimosetso ka ga lotseno le dithoto tsa gago:
o fa o dira, setifikeiti sa moputso wa gago o fa o sa dire, 'buka e tala' ya Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro (UIF) kgotsa setifikeiti sa go ntshiwa mo tirong go tswa go mothapi wa gago yo o fetileng o fa o na le phenšene ya poraefete, sesupo sa phenšene ya poraefete o fa o na le akhaonto ya banka, setatamente sa banka ya gago sa dikgwedi tse tharo tse di latelanan o fa o na le dipeeletso, tshedimosetso ka ga merokotso le dikabelo tse o di amogelang.
Bona rasiti go e tshola jaaka sesupo sa kopo.
O tla itsisiwe ka go kwala gore kopo ya gago e atlegile kgotsa nnyaa.
Fa kopo ya gago e sa dumelwa, kantoro ya tshireletso ya loago e tla go itsise ka go go kwalela e tlhalosa mabaka a gore ke ka ntlha ya eng kopo ya gago e sa atlega.
Fa o sa dumelane le tshwetso e, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago kwa kantorong ya bosetšhaba ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, o tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng o sa dumele.
Boikuelo bo ka dirwa mo matsatsing a le 90 morago ga go amogela kitsiso ka ga ditlamorago tsa kopo ya gago. 
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Fa foromo ya gago ya kopo e neetswe, o tshwanetse go newa rasiti e o tshwanetseng go e boloka jaaka e le sesupo sa gore o dirile kopo.
Go ka tsaya matsatsi a le 21 go diragatsa kopo ya gago.
Fa thebolelo ya gago e atlegile, o tla duela go tloga ka letsatsi le o dirileng kopo. 
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
