Go naya batswasetlhabelo maatla
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya kabelo ya lesole
Tlhokomelo ya boikaego
Kabelo go tshegetsa ngwana
Letlole la go fatlhosa ngwana phensene ya batsofe
Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Tsosoloso ya batho ba ba sa itekanelang
Tlhokomelo ya batsofe ba ba bokoa
Ditirelo tsa tshegetso ya balelapa
Go naya batswasetlhabelo maatla
Thuso ya madi
Thibelo le tsosoloso ya tirisobotlhaswa ya ditagi
Tumelelo mo legaeng la batsofe
Kopo ya kabo go ya ka LRAD
Tirelo ya Pabalesego ya dijo
Tuelo ya kabelo loago
Tsietso ya kabelo loago
Motho yo o ka amogelang kabelo
Ketleetso ya legae la bana
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Madi le dipoelo tsa loago
Ditirelo tsa loago
Go naya batswasetlhabelo maatla
Lenane la go naya batswasetlhabelo maatla
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lenane la go naya Batswasetlhabelo Maatla Victim Empowerment Programme VEP le nolofatsa tlhomo le go kopana ka fa gare ga mafapha kgotsa kopano ya dikarolo tsa manane a a ka fa gare le dipholisi go tshegetsa, go sireletsa le go naya batswasetlhabelo ba tshenyo le tirisodikgoka..
VEP e na le mo e lebeletseng go go kgethegileng mo basading le mo baneng. Batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya tsa selegae ba ba leng mo tsielegong ba ka nna mo lefelong la tshireletso dibeke di le pedi kgotsa di le thataro, mme se se tla ikaega ka mabaka a bona.
Lenane le ka bonwa ke batswasetlhabelo ba tshenyo le tirisodikgoka.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ikgolaganye le borakanelo bongwe le bongwe jwa tshegetso jwa batswasetlhabelo, mafelo a tshireletso a basadi le bana ba ba sotlilweng ba ka nnang teng, mothelesi wa tirelo wa mmuso kgotsa mokgatlho o o seng wa semmuso o o golaganeng le tlhokomelo ya batswasetlhabelo ba tirisodikgoka tsa selegae.
Ikgolaganye le lefelo la tshireletso la batswasetlhabelo le le leng mo motseng kgotsa Mogala o o sa duelelweng wa THIBELO ya Basadi ba ba Sotlilweng kwa 0800 150 150.
Mokhanselara, mothelesi wa tirelo ya boitekanelo, tokololo ya Tirelo ya Sepodisi mo Aforika Borwa, kgotsa motlhankedi wa sepodisi, modirediloago, morutabana kgotsa mongwe le mongwe fela yo o nang le kgatlhego mo go bopeng botho jwa mongongoregi (motho yo o sotlilweng) a ka nna a dira kopo ya thulaganyo ya tshireletso.
Go netefatsa gore fa motho yo mongwe kwa ntle ga mongongoregi a tlisa kopo ya thulaganyo ya tshireletso, tumelelo e e kwadilweng ke mongongoregi e tshwanetse go tla mmogo le kopo.
Ga go na foromo e e tlhophilweng mo go kwalelwang tumelelo e - lekwalo le le tswang go mongongoregi le le nayang tumelelo e e kwadilweng le tla bo le siame.Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a rileng a tumelelo e e kwadilweng e ka se tlhokagaleng teng, go tshwana le fa mongongoregi e le:
Mmotlana;
a idibetse; kgotsa fa kgotlatshekelo e kgotsofetse gore motho yoo o retelelwa ke go neela ka tumelelo kgotsa tetlelelo e e batlegang.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Nako e e batliwang go sekaseka thulaganyo ya tshireletso e farologana go tloga mo kgotlatshekelong nngwe go ya kwa go e nngwe gape go ikaegilwe ka letlha la dipoelo (letlha le thulaganyo ya tshireletso ya bofelo e tla sekasekiwa) le le tla bong le tlhophilwe ke tlelereke ya kgotlatshekelo.
Bonnye jwa Boemotlase bo neelwa jwa Tirelo e e Neetsweng Batswasetlhabelo Maatla. (Bukana e e buisegang bonolo ya Bonnye jwa Boemo e setse e gatisitswe le go romelwa mo diporofenseng).
Modiredi loago le mekgatlho e e seng ya dipoelo/porofete e tshwanetse go o tshegetsa batswasetlhabelo kwa seteišeneng sa mapodisi, kgotlatshekelo le kwa maokelong ga mmogo le go naya mongongoregi maatla fa a batlang thuso teng; le o go neelana ka tshedimosetso mabapi le ditsamaiso tse di tshwanetseng go latelwa, ditshiamelo tsa mongongoregi, gore o tshwanetse go bona jang thulaganyo ya tshireletso kgotsa mekgwa mengwe ya tshireletso fa e le gore e teng;
o ke boikarabelo jwa modiredi loago go o kaela batswasetlhabelo kwa metsweding mengwe go bona tsereganyo e e tsweletseng, sekao, thulaganyo ya tshireletso, thuso ya kalafo, ditirelo tsa dikgakololo le go bona mafelo a tshireletso a mangwe.
o go neelana ka bopaki jwa boitseanape jaaka modira-ka-kgetse kgotsa molato (caseworker) ka a itse ditekanyetso (constraints) tsa botsalano jwa balelapa.
o go dira jaaka motsereganyi kwa kgotlatshekelo ya molao kwa bopaki jwa ngwana bo bonwang ka go dirisa motsereganyi.
o go neela motswasetlhabelo mmogo le ditokololo tsa lelapa ditirelo tsa dikgakololo;
o go tlhoma leano la tshireletso ya motswasetlhabelo/batswasetlhabelo (batswaetlhabelo ba tshwanetse go tlhaola ditlhokwa tsa bona tsa tshireletso le go tlhoma leano la bona la pabalesego ka thuso ya modiredi loago).
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Form J 480 (Foromo ya J480) e ka bonwa kwa dikantorong tsa Pabalesego Loago tse di gaufi le wena. E bonwa kwa dikantorong tsa Lefapha la Tlhabolololoago le le gaufi le wena.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
