Kopo ya go tlhama katisothuto (lenaanekatiso) jaaka mothapi
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya go rulaganya thutokatiso
Kopo ya go tlhama lenaanekatiso fa o le mothapi
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Kamano ya ditiro
SETA
Kopo ya go tlhama lenaanekatiso fa o le mothapi
Kopo ya go tlhama katisothuto (lenaanekatiso) jaaka mothapi
Tlhaloso
Lenaanekatiso ke mokgwa mongwe wa go katisa o o bayang kgatelelo mo maitemogelong a a fitlhelwang mo tiragatsong.
Lenaanekatiso le tselenyetsa thutaphaposi ya kwa katiso ya kwa borakanelong kgotsa kwa kholetšheng le katiso ya kwa tirong.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Ditiro.
Bathapi ba tshwanetse go tsaya tshweetso ka (thutokatiso) manaanekatiso a ba neelang le a ba ka a tlhophang a tswa go Lephata la Bothati ba Thuto le Katiso (SETA).
Bathapi ba ka dira kopo ya go ka neelwa thuso go tswa go SETA morago fela fa ba ka saena tumalano ya lenaanekatiso. Fela go botlhokwa gore bathapi ba ikgolaganye le SETA ya bona pele ba saena tumalano ya lenaanekatiso go netefatsa gore SETA e na le tšhelete e lekaneng go tlamela. Ikgolaganye go utlwa gore kopo e dirwa jang.
Bona mongwe go kaela barutwana ka mathata a ba ka rakanang le ona mo mokgatlhong wa gago.
Bona mongwe go thusa morutwana ka karolo ya dithuto le mo go tlhopheng moneelakatiso. Moneelakatiso o tshwanetse go bo neetswe makwalotshupo a a neelana ka katiso ke SETA.
Bathapi ba tlhopha barutwana go tswa go badiri ba bona kgotsa ba ka tlhopha ba ba sa direng go tsenela lenaanekatiso. Fa ba batla batho ba ba sa direng go tsenela lenaanekatiso, ba ka ikgolaganya le lekala le gaufi la borakanelo go bona lenaane la batho ba ba nanang le kgatlhego. Bathapi ga ba tshwanela go neelana ka tiro go barutwana ba ba sa direng morago ga lenaanekatiso.
Bathapi, baneelakatiso le barutwana ba tshwanetse go saena tumalano ya lenaanekatiso.
Bathapi ba tshwanetse go saena konteraka le barutwana ba ba sa direng e e nyalanang le Melawana ya Bothati jwa Manaanekatiso. Ga go botlhokwa go saena dikonteraka le badiri ba ba setseng ba direla bathapi.
Go botlhokwa gore bathapi ba kwadise tumalano ya manaanekatiso a bona le SETA. Fa ba sa dire jalo, ba ka se kgone go dira dikopo tsa go kgaolelwa lekgetho go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho (SARS). Ikgolaganye le SARS go bona dintlha ka botlalo gore o ka dira kopo ya phokoletso ya lekgetho jang.
Fa o setse o latetse dikgato tse di fa godimo, bathapi ba diragatsa lenaanekatiso.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
E ka tsaya malatsi a le 30 go baakanya go tlhoma thutokatiso (lenaanekatiso)
Tlhotlhwa
Ga duelwe sepe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Dira kopo kwa Lefapheng la Ditiro
Mafelo a bodirelo, diaterese le megala
Mafelo a Tshedimosetso ka tsa Tiro
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
