Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le din
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Dipeo tsa semmuso
Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le din
Ditifikeiti tsa boditshabatshaba tsa disata
Ditshwanelo tsa temo ya dijalo
Kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methal
Thebolo ya ditiro tsotlhe tse di amanang le ditshe
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Kumo ya dijalo
Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le din
Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le dingongorego le dikgotlhang
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
O ka nne wa bega dingongorego kgotsa dikgotlhang malebana le boleng ba disata, fela pele o dira jalo o tshwanetse go ikgolaganya le OSTS (leba diaterese le megala) go netefatsa fa e le gore go na le bokgoni jo bo tlhokegang mo mofuteng wa teko kgotsa mofuta wa sata. Tirelo e e ka fiwa motho, setlamo, setheo, khamphane kgotsa molemirui mongwe le mongwe.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Fa o batla go tlhagisa ngongorego kgotsa kgotlhang malebana le boleng jwa sata o tshwanetse go romela lekwalo ga mmogo le disampole tsa disata mme o tlhagise dintlha sentle malebana le ngongorego ya gago. Tsenya le dintlha tsa diteko tse di dirilweng ke ditheo dingwe tsa go dira diteko tsa disata.
O ka nne wa itirela disampole ka bowena, fela sampole ya semmuso e e dirilweng ke moruni wa ofisi e e mo kgaolong ya gago ya Bokaedi ba SAAFQIS ke yona e tlhokegang.
Isa disampole kwa ditekong.
Fa e le gore ngongorego e matshwanedi, ke gore, boleng jwa sata ga bo kgotsofatse ditlhokego tsa Molao wa Tokafatso ya Dijalo wa 1976 (Plant Improvement Act, 1976) mongongoregi ga a kitla a duela sepe. Fa ngongorego e se matshwanedi mongongoregi o tla tshwanelwa ke go duela lekgetho la Letlotlo le le rebotsweng la diteko tsa disata mme o tla newa selipi.
Dituelo di ka dirwa ka eleketeroniki mo motšheneng kgotsa di ka dirwa ka go duela mo khaontareng, fela go botlhokwa go itse nomoro ya selipi gore tuelo e kgone go nyalana le selipi se se ntshitsweng. Dintlha tsa poloko ya banka ke tse di latelang:
Khoutu ya Lekala: 01-08-45
Nomoro ya Akhaonto: 011244887
Dipholo tsa tlhotlhomiso di ka itsisiwe fela fa tuelo e setse e dirilwe.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Setlapele sa botlhokwa sa OSTS ke go bona gore go dirwa diteko tsa disampole tse go ngongoriwang ka tsona ka maitlhomo a go dira gore di nyalane. Bogolo jwa ngongoreg kgotsa kgotlhang ke bona bo tla laolang gore palo ya disampole, mefuta ya dijalo le mefuta ya diteko e e tlileng go dirwa, mme se gape ke sona se tla laolang gore go tsewa nako e kanakang go wetsa ditlhotlhomiso. Ka jalo ga go kitla go neelwa boemo jwa tirelo. O ka botsa dipotso kwa diofising ka botsona ( leba diaterese le megala).
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo ga e duelelwe fa ngongorego e le matshwanedi. Fela fa ngongorego e se matshwanedi, lekgetho le le rebotsweng la teko ya disata le tla duelwa mo mabakeng a a latelang:
Go dira tlhatlhobo, go dira disampole le go dira letshwao (sealing)
R230 ka ura
Tshekatsheko ya boitsheko(go sa akarediwe ya bojang)
R90 nngwe le nngwe
Go tlhatlhoba bojang gore a bo itshekile (kwantle ga go apola sata ya jone letlalo kgotsa ka mokgwa wa go di butswela ka motšhini)
R205 nngwe le nngwe
Go tlhatlhoba bojang gore a bo itshekile ka go apola sata ya jone letlalo
R310 nngwe le nngwe
Go tlhatlhoba bojang gore a bo itshekile ka go dirisa mokgwa o o dirisiwang mo dinageng tsotlhe wa go di butswela ka motšhini
R270 nngwe le nngwe
Teko ya go tlhogisa dijalo
R425 nngwe le nngwe
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go diforomo tse di tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Temothuo
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
