Dipeo tsa semmuso
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Dipeo tsa semmuso
Diteko tsa disata tse di direlwang fa go na le din
Ditifikeiti tsa boditshabatshaba tsa disata
Ditshwanelo tsa temo ya dijalo
Kopo ya go fiwa tetla ya go reka dijalo tsa methal
Thebolo ya ditiro tsotlhe tse di amanang le ditshe
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Kumo ya dijalo
Dipeo tsa semmuso
Diteko tsa ditshupo tsa dipeo tsa semmuso
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Lefapha la Temothuo le dira diteko tsa ditshupo tsa dipeo tsa semmuso go netefatsa gore sebopego sa dipeo se phepa/tlhwekile, gape le gore di ka mela le go itshegetsa.
Ke dipeo tsa mefuta e e farologaneng tse di ka tsewang go ya ka Molao wa Tlhabololo ya Dijalo wa 1976, o o reng dipeo tseo di ka lekiwa jaaka ditshupo go netefatsa nonofo ya tsona. Ditshupo tsa semmuso di a lekiwa go netefatsa gore dipeo tse dintsi di tsamaelana le ditshiamelo/kabelo tsa Molao, 1976, wa Tlhabololo ya Dijalo, le gore di tshwailwe ka nepagalo le ka tlhokomelo, mme ke tsona tse di tla rekisiwang.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Baruni mo dikantorong tsa didika ba Lefapha la Temothuo ke bona ba lekalekanyang ditshupo ka tsela e e sa tlhomamang go tswa kwa taelong ya kgwebo (TC) le dipeo tse di tlhagang kwa ntle (IS) mo bathong ba bangwe, sekao: mekgatlho, ditheo, ditlamo, dithulaganyo le badirisanimmogo le balemi, ba ba rekisang dipeo.
Dipeo tse dintsi tse di leng teng, ke gore tsa kgwebo le tse di kanetsweng, ke tsona tse di tsewang tsia.
Dipeo tse dintsi tse di tsewang jaaka ditshupo di tlhophiwa ka mokgwa o o latelang:
o tlhopho e e sa tlhomamang ya dipeo o dipeo tse dintse tse di belaelwang o mathata a a farologaneng a mefuta ya dijalo.
Ditshupo di lekiwa go ya ka tumalano le ditshiamelo tsa Molao wa Tlhabololo ya Dijalo go tshwana le bophepa le go mela le go itshegetsa.
Baruni ba itsisiwa ka dipholo.
Fa e le gore dipholo di bontsha gore peo ga e dumalane le Molao, e ka tloswa mo thekisong kgotsa ya tshwaiwa sešwa.
Jaaka go dirwa teko ya peo, go ya ka molawana wa Setšhaba, ga go kitla go nna le tefo e e tla batlwang. Le fa go ntse jalo, fa motho yo sampole e tserweng mo go ena a batla dipholo ka tsela ya Tshekatsheko ya Peo, tuelo ya thebolo ya teko ya peo e tla tshwanelwa ke go duelwa. Lenaneotheko le tla tlhagiswa. Dintlha tsa banka ke tse di latelang:
Khoutu ya lekala: 01-08-45
Gakologelwa go tsenya nomore ya lenaneotheko gore go kgonwe go e amanya le lenaneotheko le le ntshitsweng.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Lefelo le mo go lona go dirwang teko ya semmuso ya dipeo, le dirisa lenaneo la setlapele mo tekong. Ka ntlha ya gore dijalo di le dintsi di na le maemo a a farologaneng a teko, mme le nako ya teko le yona e ka farologana ka letsatsi le le lengwe go ya mo dibekeng di le mmalwanyana. Dira dipatlisiso kwa sebebofatsing ka bosona (lebelela dintlha tse o ka bonang thuso mo go tsona).
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na foromo e e tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
