thekontle ya tlhapi ka maikaelelo a kgwebo
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Thomelontle le thomeloteng ya dikuno tsa phetherol
Kopo ya thekontle ya dithoto tsa mong ka sebele
Kopo ya go romela dithoto ka mo nageng
Tumelelo ya thekontle ya sejanaga se se dirisitswe thekontle ya tlhapi ka maikaelelo a kgwebo
Kopo ya thekontle tlhapi go ijesa monate
Thekontle kgotsa phetiso ya dikumo tsa diphologolo
Kopo ya thekontle ya dikhemikale
Reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntl
Thomelotsamaiso ya dikumo tse nama tse di fetotswe
Tumelelo ya thomeloteng ya dijalo le dikumo tsa di
Thekontle ya dikumo tsa deri go di tlisa mo SA
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa thomeloteng le tsa diyantle
Ditirelo tsa thomeloteng le tsa diyantle thekontle ya tlhapi ka maikaelelo a kgwebo
Kopo ya tetla ya go reka ditlhapi go tswa kwa dinageng tse dingwe go gweba ka tsona
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go tlisa ditlhapi mo nageng go gweba ka tsona go kaya go nna le seabe mo ditiragalong tse di jaaka go tlisa ditlhapi tsa metsi mo nageng go gweba ka tsona. Gotlisa ditlhapi tsa metsi mono, o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya go tlisa mono e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ga go ope yo o tshwanetseng go tlisa ditlhapi mono ntle le tetla. Dira kopo ya tetla e ntšhwa ya go tlisa mono fa e e leng teng e feletswe ke nako. Go retelelwa go dira jalo go tlisa go beelwa thoko nakwana kgotsa go phimolwa.
NB: Tetla ya go tlisa mono ga e akaretsa tlhapi ya metsi a a phepa e e tsamisiwang ke Lefapha la Temothuo. Dikopo tsa ditetla tsa ditlhapi tsa metsi a a phepa kgotsa a lwa go bothito di tshwanetse go dirwa kwa Lefapheng la Temothuo.
Dikganelo tse di latelang tsa go tlisiwa mono di a dira:
Ke kankarapa fela e e suleng dikgapetla (kgotsa dikarolo) ya bokete jwa 600 g kgotsa go feta nngwe le nngwe mme e sa fete ditone di le 25 e e ka tliswang mono (ka ngwaga).
Ga go kankarapa e e tshelang e e tshwanetse go tliswa mono.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Bona foromo ya go romela kopo ya gago go Kantorong ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo (leba dintlha tsa kgokagano fa tlase) kgotsa kantoro ya lekala ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa o ka e ntsha mo go http://www.mcm-deat.gov.za
Buisa foromo ya kopo ka kelotlhoko mme o netefatse gore o fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo:
Tlamela ka tshedimosetso e e latelang:
o aterese ya bonno ya baromelantle ba naga e di tswang kwa go yona o maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a mefuta eo o palo ya mefuta e e tlisiwang mono.
Romela kopo ya gago le ditlankana tse di latelang:
o khopi e e kannweng ya ekwaloitshupo la gago (ID) le ditlankana tsa kwadiso ya setlamo, setlamo se se kopanetsweng kgotsa terasete o dikhopi tse di kannweng tsa ditetla tse di dirang tsa go tlisa mono go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Madirelo kgotsa dikitsiso tsa tetla o dikhopi tse di kannweng tsa Setifikeiti sa Tshekatsheko ya Lekgetho (Tax Clearance) jaaka se dumeletswe le go rebolwa ke Tirelo ya Matlole ya Aforika Borwa (South African Revenue Service).
Itsise lekala le le gaufi nao la Biro ya Maemo ya Aforika Borwa (South African Bureau of Standards) ka ga themelontle ya gago fa e le gore tlhapi e o ratang go e romela ntle ga e foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho.
Tlatsa, saena mme o posetse foromo ya kopo ya thomelontle le ditlankana tse di tlhokegang go Kantoro ya Bolaodi jwa Mawatle le Mabopo. (Leba aterese fa tlase).
Dikopo tse e seng dikhopi di tshwanetse go posiwa, e seng jalo tetla ga e ne e rebolwa.
Madi a kopo a bokana ka R225 (e e akaretsang) a a tlhokega.
Godimo
Molao o dirisiwang
Act 18 of 1998 Molao wa Didiriswa tse di Tshelang mo Mawatleng
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tiragalo ya kopo e ka tsaya matsatsi a le 7 kgotsa go feta go lebilwe tiragatso e e maleba ya kopo.
Godimo
Tlhotlhwa
Madi a kopo a bokana ka R225 (e e akaretsang) a a tlhokega. Ditlhwatlhwa di sekasekwa kgotsa go tlhongwa ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa bothati jo bo tlhophilweng, ka tirisano le Tona ya Matlotlo.
Dintlha tsa Banka tsa Tuelo ya Madi a Dikopo tsa Tetla ya go Tlisa mono:
Nomoro ya Akhaonto. 62123256382
Nomoro ya Referense. Ikgolaganye le Tikwatikwe Tirelo ya Badirisi mo go 0861 123 626
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Application for an import permit (Kopo ya tetla ya go tlisa mono) Diforomo ga di bonwe mo inthaneteng. ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Kapa-Bodikela
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Lefapha la Temothuo
Lefapha la Dikgwebisano le Diintaseteri
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
