Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Go kwadisa mokoro wa go thaya ditlhapi
Laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi laesense ya selegae go thaya ditlhapi lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Go rwala kgotsa go tshwara dijo tumelelo ya tshwaro ya maswi le thwalo
Kopo ya tshwanelo ya go potiela
Kopo ya ya tumelelo ya moepo
Kopo ya tshwanelo ya moepo kwadiso ya tiriso ya metsi
Tirelo ya poso e e sa beeletswang
Laesense ya go dirisa Tirelo ya Poso e e Beetsweng
Tirelo ya kgaso ya maatla a modumo o o kwa tlase
Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso
Tirelo ya modumo wa kgaso ya setshaba
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Go kopa tumelelo kgotsa lekwalotetla
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go thaya ditlhapi go itshedisa go dira kwa baaging ba kwa mabopong ba ba dirisang ditshedi tsa mawatle go ja, le fa ba ka di rekisa le go ananya ka tsona mo mafelong a selegae. Ga jaana, bathei ba ditlhapi go itshedisa ba laolwa ka ditokologo go fitlha ka nako e go tla nnang le pholisi. Gore motho a kgone go fitlhelela ditshedi tsa lewatle jaaka mothaya ditlhapi yo o itshedisang o tshwanetse go dira kopo ya tokologo mme e rebolwe go ka dira ka/kotula ditlhapi kgotsa go nna le seabe mo tiragalong ya go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye.
Go dirisa tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi, dira kopo ya tokologo e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala kgotsa yo o neetsweng thata eo ka fa tlase ga karolo 81 ya Molao wa Ditshedi tsa Lewatle (The Marine Living Resources Act), 1998 (Molao 18 wa 1998). Gore o rebolelwa tokologo e, o tshwanetse go dira kopo ka dikomiti tse di tlhomilweng tsa Selegae tsa Botsamaisi mme o tshwanetse go fitlhelela ditlhoko tse di beilweng. Ka molao ga go ope yo o tshwanetse go nna le seabe mo ditiragalong tsa go thaya ditlhapi go itshedisa le ka seelo se sennye a se na tetla.
Tokologo e ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme go retelelwa ke go inyalanya le dipeelano go ka tlisa gore a beelwe thoko nakwana, go phimolwa kgotsa tshwanelo e ka phimolwa.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo ka dikomiti tse di tlhomilweng tsa Selegae tsa Botsamaisi fa ditokologo tse di feletswe ke nako kwa bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe.
Ba ba simolola go tsena ba tshwanetse go fitlhelela ditlhoko tsa go itshedisa le seelo se sennye pele ba ka rebolelwa tokologo.
Modirakopo o tshwanetse go tlhalosa lekala kgotsa lefelo le ba ratang go tsena mo go lona.
Maemo a batshola-tokologo ba ga jaana a a netefadiwa pele ba ka neelwa tokologo ya ngwaga o o latelang, fa ba sa fitlhelele ditlhoko tse di beilweng ba ntshiwa mo lenaneong.
Batlhankedi ba lefapha ba epa pitso go rebola ditokologo tsa bathei ba ditlhapi ba ba kwadisitsweng.
Pele ba rebola ditokologo tse, badiri ba lefapha ba tlhalosa dipeelano tsa tokologo le tekanyetso ya kgetse.
Batshola-tokologo botlhe ba solofelwa go saena mo lenaneong go supa gore ba amogetse ditokologo tsa bona.
Godimo
Molao o dirisiwang
Molao wa Ditshedi tsa Lewatle 
Godimo
Boemo jwa tirelo
Tiragalo ya kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 kgotsa go feta go lebilwe palo ya badirakopo.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditokologo di rebolwa ntle le tuelo.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go diforomo tse tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala&#160;
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
