Boikwadiso jo bo kgethegileng go nna monetetshi
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Thuso ya madi go tswa go NSFAS
Boikwadiso le setheo se se kwa godimo sa thuto
Kopo go tlhotlhomisa borutegi jwa bahuduga
Go tlhola diphitlhelelo tsa borutegi
Tshedimosetso go tswa go diakhaefe tsa Bosetshaba
Boikwadiso jo bo kgethegileng go nna monetetshi
Ditlhokego dingwe go ikwadisa lefelong la katiso
Ikwadise fa o le Monetetshi wa porofesene
Boikuelo kgatlhanong le kgano ya go ikwadisa
Setheo sa thuto se segolo sa poraebete
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Thuto le katiso
Boikwadiso jo bo kgethegileng go nna monetetshi
Kwadiso e e kgethegileng jaaka rasaense wa tsa tlhago wa porofešenale - Temogo ya thuto ya pele le maitemogelo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Khansele ya Aforika Borwa ya Diporofešene tsa Saense ya Tlhago (South African Council for Natural Scientific Professions kgotsa SACNASP) e lemoga ntlha ya gore go batho bangwe ba ba se kileng ba nna le tšhono ya go bona dithuto tse di kwa godimo tse di tlhokwang ke Khansele go ka kwadisiwa seporofešenale. Le fa go le jalo, batho bao ba ka bo ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense mo dingwageng di le dintsi mme ba ka tswelela go dira jalo le mo dingwageng tse di tlang.
Khansele e sweditse go tlamela batho ba ba jalo ka tšhono ya go dira kopo ya go kwadisiwa jaaka Borasaense ba tsa Tlhago ba Porofešenale ka fa tlase ga mabaka a a rileng.
Mongwe le mongwe yo o senang dithutego tse di amogelwang ke Khansele a ka dira kopo.
Badirakopo ba tshwanetse go:
tlotliwa ke bakaulengwe ba bona ka boitseanape jwa bona mo lekaleng le le tlhophilweng ba nnile le seabe se segolo mo lekaleng la tsa saense ba na le bonnye maitemogelo a dingwaga di le lesome tse di sa kgaodiwang, a le maleba e bile e le a porofešenale pele ga go dira kopo mo lekaleng la tiro le kopo e dirwang mo go lona.
Ela tlhoko: Fa o ne o tlogetse porofešene ya gagwe mo pakeng ya dingwaga tse lesome, o ka se letlwe go kwadisiwa ka fa tlase ga paka.
Tshekatsheko ya dikopo e tla dirwa kwa Komiti-Kgakololo ya Porofešene e e maleba, tumelelo ka Komiti ya Kwadiso ya SACNASP le tetla ka Khansele e e tletseng.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Tlatsa foromo ya kopo ya kwadiso.
Isa foromo e e saennweng ga mmogo le photefolio ya dintlha ka ga thuto le maitemogelo e e nang le:
Bonnye dipegelo tse tharo tse di feletseng (tsa ileketeroniki) tse o di rulagantseng kgotsa o nnile le seabe se segolo mo go tsona. Fa e le gore ga o kgone go romela dipegelo tse ka ntlha ya sephiri, seabe sa gago se tshwanetse go kgona go netefadiwa.
Afitafiti e e tlhalosang gore ke tiro ya gago le go tlhalosa seabe sa gago mo dipegelong tse o di rometseng.
Diafitafiti ka batho ba babedi ba ba ka netefatsang bokgoni le boitseanape jwa gago mo lekaleng la tiro la gago.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kwadiso e ka tsaya dibeke tse 6 go ya go 8 go ka gore a ditlankana tse di tlhokegang di rometswe.
Setlhopha sa bonnye batho ba le babedi ba ba tlhophilweng ke Komiti-Kgakololo ya Porofešene (Professional Advisory Committee kgotsa PAC) e e maleba ya SACNASP se tla go botsolotsa.
Ditlamorago tsa tshekatsheko di tla itsiwe fela morago ga kopano ya Khansele.
Godimo
Tlhwatlhwa
Go banka ka mokgwa wa ileketeroniki kgotsa diphetisetso ka tlhamalalo: Tsweetswee dirisa ditlhaka tsa ntlha le sefane go supa tuelo ya gago mo setatamenteng sa rona sa banka mme o romele bopaki jwa tuelo mmogo le tsebe ya ntlha ya foromo ya gago ya kopo go 841 1057 ka fekese.
Dintlha tsa banka:
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Emeile:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Saense le Thekenoloji
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
