Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya kabelo ya lesole
Tlhokomelo ya boikaego
Kabelo go tshegetsa ngwana
Letlole la go fatlhosa ngwana phensene ya batsofe
Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Tirelo ya Boditshabatshaba ya Leago
Tsosoloso ya batho ba ba sa itekanelang
Tlhokomelo ya batsofe ba ba bokoa
Ditirelo tsa tshegetso ya balelapa
Go naya batswasetlhabelo maatla
Thuso ya madi
Thibelo le tsosoloso ya tirisobotlhaswa ya ditagi
Tumelelo mo legaeng la batsofe
Kopo ya kabo go ya ka LRAD
Tirelo ya Pabalesego ya dijo
Tuelo ya kabelo loago
Tsietso ya kabelo loago
Motho yo o ka amogelang kabelo
Ketleetso ya legae la bana
Ditirelo Tsa Motheo Tsa Masepala Tsa Mahala
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Madi le dipoelo tsa loago
Ditirelo tsa loago
Loago la go kokobatsa makgwafo mo tlalelong
Kopo ya Loago ya go kokobatso makgwafo mo tlalelong
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong ke tshiamelo ya thuso ya nakwana e e ikaeletseng go thusa batho ba ba batlang thuso ya mofuta oo ka ntlha ya fa ba sa kgone go neela ba balelapa la bona ditlhokego tsa ka metlha.
Ke mang yo o tshwanetseng go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong?
O ka kgona go dira kopo ya loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong mo mmusong fa e le gore o mo tsielegong. Se se tlhalosiwang fa godimo se ka diragala ka ntlha ya gore:
obatla thuso fa o ntse o emetse kopo ya madi a letlole la bana gore e sekasekwe ke mmuso otsielegile kgotsa o le mo matlhotlhapelong, go tshwana le fa ntlo ya gago e tshumilwe ke molelo
Fa o sa falole teko ya go amogele madi a letlole la bana, mme o mo maemong a a tlhobaetsang a go batla madi osa kgone go dira ka ntlha ya go se itekanele mo mmeleng - se se kaya gore o a lwala mo sebakeng sa go feta dikgwedi di le thataro osa kgone go amogela tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke ngwana go tswa mo motsading wa ngwana kgotsa mo motsading mongwe wa bana motlamelalelapa o tlhokafetse motlamelalelapa o rometswe kwa kgolegelong sebaka sa nako e nnye (ka fa tlase ga dikgwedi di le thataro) kgotsa oamilwe ke kotsi, fela mo lefelong kgotsa mo setšhabeng se wena o nnang mo go sona se ise se tlhalosiwe gore ke lefelo la kotsi.
Jaanong wena o tla amogela eng?
Kopo ya gago ya Loago ya Kokobatso makgwafo mo Tlalelong (The Social Relief of Distress ) e ka nna ka mokgwa wa go newa sephuthelwana sa dijo kgotsa ditlankana tsa sesupo sa madi go ya go reka dijo. Diporofensi dingwe di naya thuso ya mofuta o ka go fa batho madi mo seatleng. Thuso ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo tlalelong e newa mo nakong e khutshwane fela - gantsi e ka nna go fitlhela dikgwedi di le tharo, mme ka nako nngwe dikgwedi di le thataro.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Dira kopo ya Loago ya go kokobatsa makgwafo mo nakong ya tlalelo mo kantorong ya Loago ya go kokobatsa makgwafo ka nako ya tlalelo.
Neela tse di latelang ga mmogo le foromo ya gago ya kopo:
Fa o se na lokwaloboitshupo/pasa le disetifikeite tsa bana ba gago tsa matsalo, o tshwanetse go dira afidafiti kwa seteišeneng sa mapodisi se se leng mo motseng wa gaeno, Motlhankedimogolo, mokanseliri kgotsa moruti e ka nna paki e e tletseng.
O tshwanetse go netefatsa gore
O dirile kopo ya madi a letlole la bana
O nnile le bothata jwa tshoganetso (sekao: neela ka pegelo go tswa kwa mapodising gore ntlo ya gago e fisitswe ke molelo, lorelore)
O lekile go batla tuelo ya tlamelo ya madi a a amogelwang ke bana
Ga o na tshegetso e nngwe ya ka fa thoko
O nyetswe, o tlhadile/tlhadilwe kgotsa ga o ise o nyalwe
Ga o na lotseno lepe kgotsa
O na le kalafo ya thetelelo-bokgoni (bogole) jwa nakwana.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Kopo ya gago e tla sekasekwa ka bonako.
Fa kopo ya gago e se na go neelwa/tliswa, e tla sekasekwa go bona bonnete le go tlhoka pelaelo ya gore ka tota o tlhoka tirelo e.
Le fa o se na ditokomane tsotlhe, o tla kgona go amogela sephuthelwana sa gago sa dijo sa ntlha mo kgweding, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng kwa ntle ga go nna le ditokomane tseo.
Gakologelwa go tsaya ditokomane tsotlhe fa o ya kwa go motlhankeding pele nako ya tuelo ya bobedi ya kgwedi e fitlha. Fa o sa dire jalo, o ka nna wa se ka wa amogela sephuthelwana sa dijo sa kgwedi ya bobedi le ya boraro, setlankana sa sesupo sa madi kgotsa madi mo seatleng.
Fa dilo di sa fetoge mo botshelong jwa gago, morago ga fa o se na go amogela madi a letlole a ngwana/bana mo dikgweding di le tharo, o ka nna wa kopa gore o okeletswe madi a letlole a ngwana/bana nako ya dikgwedi di le tharo gape.
Godimo
Tlhotlhwa
Ditirelo ga di duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya lefapha e e gaufi nao.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tsweetswee, tlhopha porofense
Bokone-Bophirima
Kapa-Bodikela
Kapa-Bokone
Kapa-Botlhaba
Mpumalanga
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Tlhabololo ya Loago
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
