Ditiragalo tsa go itsanye tsa SATI 
Leloko la Lekgotla la SATI Michelle Rabie o ile go tshwara kokoano-puisano kwa Cape Town ka 5 Phatwe 2010. Setlhogo ke “Tsela ya go Ipapatsa Jaaka Modiri ka Puo yo o Iperekang” (“How to Market Yourself as a Freelance Language Practitioner”), kokoano eno e tla itshupa go nna tshono e ntle ya go itsanye le maloko a mangwe a tiro ya boranodi mo maemong a mantle. Ikgolaganye le Michelle mo atereseng ya michelle@translators.org.za.  Ikwadiso e tswalwa ka 28 Phukwi 2010, o se ka wa diega – ikwadise gompieno!
Eno e tshwana le kokoano-puisano eo e neng e tshwerwe kwa Pretoria ka Moranang, mme go rulaganyediwa gore e tshwarwe gape kwa Durban le Bloemfontein.
Tsweetswe itsise ofisi ya SATI gore o eletsa gore go dirwe dithulaganyo dife tsa katiso.
Pontsho ya Dibuka ya Boditšhabatšhaba kwa Cape Town 
Pontsho ya Dibuka e tla tshwarwa go simolola ka 30 Phukwi go ya go 2 Phatwe 2010 mme lekgotla la SATI le tla bo le tshwaraganetse dipontsho tseno le PEG le McGillivray Linnegar Associates. Fa e le gore o tla bo o le teng kwa Pontshong eno, re etele mo lefelong le re tla bong re direla dipontsho tseno mo go lone le go ema nokeng baithaopi bao ba tla bong ba re emetse.
SATI e tla dira dipontsho tseno mo letsatsing la kgwebo fela (Labotlhano, 30 Phukwi): “Se Bagatisi ba Tshwanetseng go se Itse ka Thanolo” (“What Publishers Should Know about Translation.”) Maloko a letleletswe go nna teng – mme rotloetsa ditlelaente tsa gago go nna teng le tsone–. Puisano e tla tshwarwa ka 15:00  Room 1.62 kwa Cape Town International Convention Centre.  
Gape re tla bo re tsholetse baeng ba ba tlhophilweng dikgetsana tsa dimpho bao ba tla bong ba etetse lefelo la SATI mme maloko a ka tsenya dikarata-kgwebo tsa one kana dipampitshana-papatso (tse di sa feteng A5) mo teng ga dikgetsana tseno – a bo eno e tlile go nna tshono e ntle jang  ne ya go itsanye le ba bangwe! Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Marion  mo atereseng ya (office@translators.org.za).
Sejana sa Lefatshe sa  2010
A o ne o le gone? Fa e le gore o ne o golagane le dikabelo tsa boranodi mabapi le tiragalo eno (pele ga tiragalo eno, fa e ntse e tsweletse kgotsa morago ga yone), tsweetswe re itsise. Re eletsa go kwala pego ka boripana mabapi le mofuta wa tiro ya puo oo Sejana sa Lefatshe se e diretseng Baagi ba Aforika Borwa.  Romelela Marion tshedimosetso kwa atereseng ya office@translators.org.za. 
Dikgang go tswa go FIT
FIT e golotse kgatiso ya dikgang e e tlhalosang setlhogo se se tlhophetsweng Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Thanolo la 2010: “Boleng Jwa Thanolelo mo Dipuong Tse di Farologaneng.” (“Translation Quality for a Variety of Voices”).  Leba aterese ya  http://www.fit-ift.org./download/en/pr-itd-2010.pdf.
Tokololo ya bosheng ya lekwalo-dikgang  ya  FIT  ebong,  Translatio, e gone mo atereseng ya http://www.fit-ift.org./en/translatio-e.php mme e akaretsa pego ka mekete ya SATI ya 2009 ITD.
Patlisiso ya Dituediso ya 2010 
Dipholo tsa patlisiso ya dituediso ya 2010 di bontshitse gore ga go na diphetogo tse di kalo fa di bapisiwa le tsa patlisiso ya bofelo ya 2008 (gongwe ka ntlha ya maemo a itsholelo a a gone mo nakong ya ga jaanong), mme ka jalo ga go kitla go gololwa pego monogwaga. SATI e tla dira patlisiso e nngwe mo tshimologong ya ngwagwa wa 2011 go lekeletsa maemo. Re ikuelela mo malokong otlhe go tsaya karolo fa go dirwa dipatlisiso: go boima thata go bona tshedimosetso e e ikanyegang fa e le maloko a le mmalwa fela a a nnang le seabe. 
Botokololo
Maloko a masha: Tracey Babb, Illona Meyer
Ba ba boneng makwalo-tetla: Simone van der Merwe: thanolo ya Afrikaans-English; Henry Janse van Rensburg: thanolo ya Afrikaans-English; Arina Wilson: thanolo ya English-Afrikaans 
Dikatso Tse di Ntsheditsweng go Tsweledisetsa Letlole Pele: MA Grobbelaar, I Nkulu, B Nokele, K Wong Man Wan
Ntlha nngwe e e kgatlhang
Leloko la SATI Olivier Fléchais o ile a botsolodiwa mo thulaganyong ya seyalemoya ya SAfm  “Word of Mouth” ka 27 Seetebosigo 2010 kaga go dira jaaka moranodi. Motlotlo o o gatisitsweng o tsentswe mo atereseng ya www.safm.co.za. 
Proz.com e tla nna le khonferense ya bone ya bobedi ya go sa le gale monogwaga. Setlhogo ke Translation3  mme dikhonferense tse dingwe tse tharo di tla tshwarwa ka 30 Lwetse 2010 (baranodi ba ba iperekang), 13 Diphalane 2010 (ditlamo tsa boranodi) and 10 Ngwanaatsele 2010 (localisation/GILT industry). Bona tshedimosetso e e oketsegileng mo atereseng ya http://www.proz.com/translation3 .
Serweboleta le Diwebosaete
Bukamantswe ya kgwele ya dinao eo baranodi ba e dirisang go bona mareo a kgwele ya dinao magareng ga Seesemane, Sejeremane, Sefora, Sentadiana le Sepanishe e gone mo atereseng ya http://football.cls.ch/dict/appl.do?a=home. 
Dikgatiso
African Languages in a Digital Age: Challenges and opportunities for indigenous language computing, by Don Osborn (ISBN 978-07969-2249-6), e e gatisitsweng ke HSRC Press. Buka eno e supa dikganetsano, dikamego, dilo tsa botlhokwa le kafa dipatlisiso di amanang ka teng le dipuo mo Aforika le kafa go leng mosola ka gone mo go tsa tlhabololo le thuto mo isagweng.   Go bona tshedimosetso e e oketsegileng leba:
http://www.hsrcpress.ac.za/product.php?productid=2269 
Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa
Kokoano ka Mathata ka Puo e e Itshekileng le go e Dirisa: Cape Town International Convention Centre, 30 Phukwi 2010. Kokoano ya go tlhabana botlhale, e e tshwarwang ke monkanaa-SATI e leng sa Professional Editors’ Group (PEG), ka go dirisana mmogo le Lenaneo la Seporofešenale la Tlhabololo la kwa Cape Town la Pontsho ya Dibuka, e rarabolola bothata jo go sa bolong go buiwa ka jone e leng jwa go buisana ka puo e e itshekileng.  Go ikwadisa go tswalelwa ka 23 Phukwei 2010 mme go lekanyeditswe batho ba le 100 fela. Ikgolaganye le ellynbarry@telkomsa.net go bona tshedimosetso e nngwe. 
Maele a a newang Borrakgwebo ba e Leng Bakwadi: Kokoano ya go tlhabana botlhale ya letsatsi le le lengwe kwa Tikatikweng ya Dipuo ya Yunibesiti ya Stellenbosch, ka di 3 Phatwe 2010. Letsatsi le bofelo la go amogelwa ga dikopo ke 23 Phukwi 2010. Go bona tshedimosetso e nngwe ikgolaganye le Audrey Poole mo nomoreng ya 021 808 2167 kgotsa mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za 
Khonferense ya 2010 ya Biennial National AUSIT ya Baranodi le Batoloki: Fremantle, Australia, 5–6 Ngwanaatsele 2010. Phokoletso ya tlhwatlhwa e e kgethegileng ya ba ba tla ikwadisang pele ga ba bangwe botlhe e tswalelwa ka 31 Phukwi 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.ausitconference.org/ 
Khonferense ya 2010 ya Batoloki ba Boditšhabatšhaba ka Tsa Kalafi: Go Tlhomamisa go Sireletsega ga Puo e e Buiwang ke Balwetse ba le Mokawanyana Fela: Harvard Medical School, Boston, USA, 3–5 Lwetse 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.imiaweb.org/conferences/2010conference.asp 
Khonferense ya IALB-Tradulex – Dipuo le Dikgwebo Tsa Gompieno le Ditharabololo Tsa ka Moso: Lisbon, Portugal, 1–2 Diphalane 2010. E rulagantswe ke Setlamo sa Boditšhabatšhaba sa Puo le Kgwebo (International Association Language and Business [IALB]) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.ausitconference.org/ 
Khonferense ya Borobedi ya Boditšhabatšhaba le Dipontsho Tsa Go Ruta Puo ka Tiriso ya Dilo Tse di Kgonang go Reediwa le go Bogelwa:  Diphetogo Tse di Tlisitsweng ke Thekenoloji ya Dijethale ya Didirisiwa Tse di Kgonang go Reediwa le go Bogelwa – A ke Tshegofatso kgotsa Phutso? Berlin, Germany, 6–8 Diphalane 2010. Batsayakarolo ba tla tlotla ka diphetogo le ditlhamoseša ka tiriso ya dilo tseno fa go rutwa puo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.languages-media.com/index.php 
Foramo ya LISA ya kwa Yuropa: Budapest, Hungary, 11–14 Diphalane 2010. Foramo ya Setlamo sa Thanolelo mo Dipuong Tsa Selegae sa Ditekanyetso Tsa Bosetšhaba (Localisation Industry Standards Association [LISA]) e tla ruta ba ba leng teng mo kokoanong eno kitso ya bošeng ka ga boleng: gore bo tlhaloganngwa jang le go lekanngwa jang le gore bo ama jang ditiro tsa kgwebo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://www.lisa.org/LISA-Forum-Europe.1426.0.html 
Khonferense ya Bobedi ya Boditšhabatšhaba ka Boleng Jwa Thanolo: Almuñécar, kwa Spain, 24–26 Mopitlwe 2011. Khonferense eno e tla tlhoma mogopolo mo kgannyeng ya boleng jwa dipuo tse di tolokwang ka mekgwa yotlhe e e farologaneng (mo khonferenseng, mo tirelongbosetšhaba, puo ya diatla, jj.). Ditlhogo tse go tlilweng go tlotlwa ka tsone (mafoko a le 300-350 ) di tshwanetse go romelwa go ecis.granada@gmail.com ka 20 Diphalane 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://ecis.ugr.es/2011.htm
Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Mankind, the namer: Club Mykonos, Kapa Bophirima, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ikgolaganye le Bertie Neethling mo atrereseng ya bneethling@uwc.ac.za.
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Morago ga Kalogo mo go tsa Thanolo le Go Toloka (IPCITI ka Seesemane) ka 2010: Go Akanya le go Fetola Dilo – Teboseša, dithulaganyo tse diša le matswela a maša: Yunibesiti ya Manchester, UK, 29–31 Diphalane 2010. Eno ke khonferense ya borataro mo motseletseleng ono, e boikaelelo jwa yone e leng go naya babatlisisi ba ba botlana tshono ya go bolelela ba bangwe ka patlisiso ya bone le go nna le seabe mo tiragalong e kgolo ya go kopana le batho ba dinaga di sele. Dipotso di ka romelwa go ipciti2010@manchester.ac.uk. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ipciti.org.uk/ 
Sekolo sa se se Tshwarwang Selemo sa Dithuto Tsa Thanolo mo Aforika: Yunibesiti ya Stellenbosch, 29 Ngwanaatsele–4 Sedimonthole 2010. Se tshwarwa ke Lefapha la Dithuto Tsa Aforika le Asia, la Puo ya Diatla le la Go Dira ka Puo kwa Yunibesiting ya Foreisetata le Lefapha la Aforikanse le Se-Dutch kwa Yunibesiting ya Stellenbosch, Sekolo seno se se Tshwarwang Selemo ke sa baithuti ba gerata ya bongaka le/kgotsa batlhatlheledi ba dithuto tsa thanolo ka boikaelelo jwa go tlhama ajenda ya Se-Aforika ya dithuto tsa thanolo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.ufs.ac.za/SSTSA  
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ka ga Thanolo le go Bula Dibidio Tsa Metshameko le di-Virtual World: Universitat Autónoma de Barcelona, Spain, 2-3 Sedimonthole 2010. Boikaelelo jwa khonferene eno ke dira gore botlhe ba ba kgatlhegelang go ranolela metshameko ya khomphiutha mo dipuong tsa bone ba e dire le gore e kgone go tshamekwa le go nna le seabe sa go ranola di-virtual world. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba:
http://jornades.uab.cat/videogamesaccess/  
Khonkerese ya Lefatshe Lotlhe ya FIT ya bo XIX: Kwa San Francisco, kwa USA, 1–4 Phatwe 2011. Setlhogo sa Khonkerese ke “Go Kopanya Ditso”. Letlha la bofelo la go romelwa ga dipuo tse do tshitshintsweng gore di neelwe ke 10 Sedimonthole 2010. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.fit2011.org 
Thanolo ya Sexhosa: Angelinah Dazela, Thokozile Mabeqa 
Thanolo ya Seswati: Benjie Shongwe 
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe, Ramodima Moikanyang 
Thanolo ya Sezulu: Manzo Khulu 
Thanolo ya Sesotho: Abel Mphanya
Thanolo ya Sepedi: Mapule Moswane
Thanolo ya Aforikanse: Wilna Liebenberg, Elsie Fourie, Bridget Claasen
Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:
Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za
Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za
