Lokwalokhutshwe la Bakhuduthamaga











Bakhuduthamaga ba SATI ba ne ba tshwara kopano ya bone ya bosheng ka 12 Seetebosigo 2008. Tsobokanyo ya dintlha tsa konokono tsa dipuisano tsa bone ke eno fa tlase.



Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa 2010



Patlisiso ya bakgoni e SATI e neng ya e simolola go rulaganya letlotlo la batoloki mo nageng yotlhe, morago ga go buisana le ba Lefapha la Bosiamisi (DoJ), e tsositse palo e kgolo ya ditsibogelo, bontsi jwa tsone e le tsa batho ba eseng maloko ba ba dirang tiro e, le batho ba ba dirang mo dipuong tse di sa tlwaelegang thata. SATI e tla kopana le DoJ gape ka Phukwi gore ba buisane ka kgato e e latelang.



Patlisiso ya dituelo



Patlisiso ya dituelo e tsweletse mme Bakhuduthamaga ba itumeletse go lemoga gore, letsatsi le le lengwe morago ga patlisiso e sena go simololwa, go ne go setse go lebega gore tsibogelo e e kgatlhang e ne e setse e le teng. Patlisiso e e tla tswalwa ka 30 Seetebosigo mme dipholo di tla itsisiwe phatlalatsa ka bofefo jo bo kgonegang morago ga moo.



Webosaete ya SATI



Porojeke ya gore Webosaete ya ranolelwe mo dipuong tsothe tsa semmuso e tsweletse. Go dumalanywe gore bontlhanngwe jwa karolo ya maloko-fela (fa e setse e dira) bo tla beelwa gore go tsenngwe mo go jone manaanetlhaloso le manaane a kgakologelo-thanolo a a romelwang ke maloko. Gape go tla nna la karolo ya ‘Didirisiwa’ mo lefelong la tsa kakaretso e mo go yone go kwadilweng lanaane la dibukantswe, jalo le jalo.



Bonaya-malebela



Tsamaiso ya bonaya-malebela ga e dire jaaka go ne go lebeletswe, ka gonne go na le bothata jwa go bona maloko a a batlang go nna le nako ya go ithaopela go nna banaya-malebela. Lefa go le jalo, Bakhuduthamaga ba dumalane gore se ke selo se se leng botlhokwa mo go tswelediseng porofešene eno jalo ba tla bona gore a go ka kgonega go dirisa mogopolo ono ka tsela e sele. Tsela e nngwe e ka nna go tshwara dikokoano-puisano ka metlha mo tikologong ya naga.



Tshwanelego



Thulaganyo ya tlhatlhobo ya NAATI ya monongwaga e tla nna ka Phukwi a le 23 mo Johannesburg le mo Cape Town, mme tlhatlhobo ya batoloki yone ka Phukwi a le 12 kwa Potchefstroom le Phukwi a le 14 mo Johannesburg.



Maloko



Go fitlha jaanong dikemedi di le robedi di nnile maloko a borakgwebo a Mokgatlho ono, mme setheo sengwe sa thuto jaanong ke leloko la borakgwebo. Go tlotlilwe go










sekae ka go nna maloko ga baithuti: kafa maloko a seemo seno a ka ngokiwang ka teng le go dira gore go nna maloko go solegele baithuti molemo.



FIT



Marion Boers o tla emela Mokgatlho ono kwa Khonkereseng ya FIT kwa Shanghai ka kgwedi ya Phatwe. Maloko a mangwe a a tla bong a le koo le bone ba ka nna karolo ya kemedi ya SATI.



AGM le Seminara



AGM ya 2008 e ne ya tshwarwa ka Laboraro Seetebosigo a le 11 kwa Pretoria. Go nnile le batho ba lekaneng sentle kwa AGM gammogo le seminara e e neng ya tshwarwa morago, tse di neng tsa remelela mo setlhogong sa ITD sa 2008 sa “Dikgang tsa Mareo"

(Terminology Matters).



Dintlha tse di latelang tsa konokono di ne tsa tsosiwa kwa kokoanong eno:



Se SATI e tshwenyegileng ka sone thata malebana le go ya pele ga yone ke kafa ba ka nnang le botsalano jo bo tiileng ka teng le baranodi le batoloki ba dipuo tsa Aforika. Palo ya maloko a batho bano (bogolo jang maloko a a tshwanelegang) ke peresente e nnye fela ya maloko otlhe a rona; mme seno ga se itumedise malebana le bokamoso jwa SATI jaaka mokgatlho wa ‘Aforika Borwa’. Modulasetulo wa rona o ne a kopa ditshitshinyo kgotsa di kakantsho tsa kafa go ka okediwang maloko a rona ka teng mabapi le seno, go sa lebalwe mathata a magolo mabapi lebaka la gobo puso e paletswe ke go diragatsa Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Pholisi ya Dipuo (National Language Policy Framework). Go ne ga lemogiwa gore SATI ga e a kopiwa gore e tshwaele kaga thadiso ya molao o o tshitshinngwang wa SA Language Practition-ers’ Council.



Go ne ga tshitshinngwa gore SATI e tshwanetse go remelela thata mo go rotloeletseng Mokgatlho ono: ditshitshinyo dingwe di ne di akaretsa gore go ntshiwe dipegokgang tse dintsi, go dirisiwa baithuti ba Public Relations/Marketing go tlhama le go diragatsa maano a papatso kgotsa kanamiso le gore maloko a a nang le tshwanelego a bue le baithuti ba boranodi kwa diyunibesithing gore ba dire gore baranodi ba babotlana ba nne le boikutlo jo bo siameng mabapi le go nna le tshwanelego le go nna maloko a SATI.



Bakhuduthamaga ba rata go kgothaletsa maloko go tshitshinya ka megopolo e mesha ya go phasalatsa ditiro tsa Mokgatlho mme, bogolo jang, go ithaopela gore ba tla thusa ka go diragatsa megopolo eno.



Go ne ga ithumedisa go amogela tekodiso e e molemo thata kaga batoloki ba South African Sign Language le





Pegelo ya kopano ya bofelo ya Bakhuduthamaga
 
Bol. 3 Nom. 2
 

 

 

 
Phukwi 2008
 

 

 

 

 

 

 


tsamaiso ya go newa tshwanelego: go tsewa e le ‘seka-mentlele’ gareng ga batoloki ba SASL go nna motoloki yo o neetsweng tshwanelego wa SATI mme go lebelwapele gore, mo dingwageng di se kae, ga go na go kgonega go dira jaaka motoloki wa SASL o sena tshwanelego ya SATI. Seno se dira SATI motlotlo e le ruri mme go ne ga dumalanwa gore re tshwanetse go akanyetsa kafa re ka oketsang maikuto a mantle ano ka teng mo baranoding/batoloking.



Go lemotshegile gore tsamaiso ya komiti e e neng ya tsenngwa mo tirisong dingwaga tse pedi tse di fetileng e ka nna ya seka ya nna e e siameng ka metlha ka gonne dikomiti di sa tlhaloganye se Bakhuduthamaga ba se batlang mo go bone. Ka jalo go ne ga tshitshinngwa gore dikomiti di newe tshono ya go begela Bakhuduthamaga ka tsela ya semmuso. Bakhuduthamaga ba ne ba tlotla ka seno mme ba dumalana gore tsela e e molemo ya go dira seno e tla nna go laletsa badulasetulo ba dikomiti le badulasetulo ba ditšhapotara ba ba tla nnang teng kwa


AGM gore ba oketse nako ya kokoano ya Bakhuduthamaga (ka letsatsi pele ga AGM) gore ba bege kaga ditiro tsa bone le go gokagana le go abalana megopolo le badulasetulo ba bangwe. Bakhuduthamaga gape ba tla itshikarisa boikarabelo jwa go sala morago badulasetulo ba dikomiti ka metlha malebana le ditiro tsa bone. Bakhuduthamaga ba batla go gakolola maloko gore bao ba batlang go nna maloko a komiti nngwe ba kgothalediwa go itsise Bakhuduthamaga e le gore maina a bone a kwalwe gore a tsenngwe mo ditlhophong tse di latelang.







Afrikaans translation: Elsie Fourie



Sesotho translation: Abel Mphanya



Setswana translation: Pauline More



Xhosa translation: Angelinah Dazela



Zulu translation: Lungile Zungu

