Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Go kwadisa mokoro wa go thaya ditlhapi
Laesense ya boditshaba go thaya ditlhapi laesense ya selegae go thaya ditlhapi lefelo la tsamaiso ya paakanyo ya ditlhapi
Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Go rwala kgotsa go tshwara dijo tumelelo ya tshwaro ya maswi le thwalo
Kopo ya tshwanelo ya go potiela
Kopo ya ya tumelelo ya moepo
Kopo ya tshwanelo ya moepo kwadiso ya tiriso ya metsi
Tirelo ya poso e e sa beeletswang
Laesense ya go dirisa Tirelo ya Poso e e Beetsweng
Tirelo ya kgaso ya maatla a modumo o o kwa tlase
Laesense ya Tirelo ya Kgwebo le Kgaso
Tirelo ya modumo wa kgaso ya setshaba
Kopo ya tokologo ya go thaya ditlhapi go itshedisa
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditumelelo le makwalotetla
Go kopa tumelelo kgotsa lekwalotetla
Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi
Kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi le tetla ya go thaya ditlhapi go di rekisa
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go gweba ka ditlhapi ke go dirisa tshwanelo ya go thaya ditlhapi. Sa ntlha tshwanelo e e tshwanetse go kopiwa le go rebolwa, go dirisa, go kotula ditlhapi kgotsa go nna le seabe mo tiragalong e e amanang le go thaya ditlhapi go di rekisa. E akaretsa gape le go nna le seabe mo ditiragalong tse di amanang le go thaya ditlhapi e se ka mabaka a go di ja. Go diragatsa tshwanelo ya gago ya go thaya ditlhapi, dira kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona e e rebolwang ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala (Department of Environmental Affairs and Tourism) (DEA&T) kgotsa yo o neetsweng thata eo. Ditshwanelo ka botlalo kgotsa tse di lekanyeditsweng tsa di rebolwa mo makaleng a a tlhophilweng a go thaya ditlhapi ke DEA&T go ikaegilwe ke Palogotlhe e e Letlwang ya go Thaya kgotsa Maiteko (TAC/E) e e sekasekwang ngwaga le ngwaga ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala. Ga go ope yo o ka thayang ditlhapi ka maikaelelo a go rekisa ntle le tetla.
Sa ntlha, dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona pele o ka dira kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona. Tetla e ntšhwafadiwa ngwaga le ngwaga mme go retelelwa ke go inyalanya le dipeelano go ka tlisa gore a beelwe thoko nakwana, go phimolwa kgotsa tshwanelo e ka phimolwa.
Mo godimo ga tetla ya go thaya ditlhapi go gweba ka tsona, o tla tlhoka le tetla ya sepalangwa go tsamaisa ditlhapi.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
O ka dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi fela fa go na le taletso eo e e ka phasaladiwang mo Kuranteng ya Puso.
Bona foromo ya kopo go tswa go Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala (DEA&T) kgotsa lefelo la go tsaya/rebola le le beilweng ke DEA&T.
Buisa ka kelotlhoko mme o tlhaloganye le go netefatsa gore go fitlhelela ditlhoko le dipeelano tsa kopo.
Tlatsa, saena mme o romele foromo ka ditlankana tse di kannweng tse di maleba le tlhwatlhwa e e sa busiweng e e beilweng kwa lefelong le le beilweng ke lefapha kgotsa kwa kantorong e e gaufi nao ya DEA&T.
Tsamaiso ya tshekatsheko e tla simolola morago ga letlha la tswalo ya dikopo mme dipholo di tla begwa ka kgolagano ke DEA&T.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Mofuta wa tshwanelo ya go thaya ditlhapi:
Tsamaiso ya kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 kgotsa go feta go lebilwe palo ya dikopo le/kgotsa go ya ka setlha sa lekala la go thaya ditlhapi.
Kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi:
Kopo e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 go konosediwa kgotsa go feta go ikaegilwe ka bontsi jwa dikopo le/kgotsa setlha sa lekala la go thaya ditlhapi.
Godimo
Tlhotlhwa
Mofuta wa tshwanelo ya go thaya ditlhapi
Tlhwatlhwa e e duelwang
Go thaya (go dirisa/kotula) ditlhapi
Jaaka go tlhomiwa ke Tona kgotsa yo o neetsweng thata eo go ya ka lekala la go thaya ditlhapi le go begwa mo kuranteng ya taletso go dira kopo ya tshwanelo ya go thaya ditlhapi
Go bega go thaya go dikgetla tse di kwa tlase ga 60 000
R100 (e ka fetolwa/lejwa gape)
Go thaya ditlhapi ka go dirisa poreimi e tshweu (white mussels)
R100 (e ka fetolwa/lejwa gape)
R200 (e ka fetolwa/lejwa gape)
Go thaya ditlhapi tsa bokete jwa 850 kg kgotsa diabalone tse di kwa tlasenyana.
R300 (e ka fetolwa/lejwa gape)
Go thaya ditlhapi tse di jaaka linefish (ya tlwaelo) ka ditlhopha tse di sa feteng bone.
Kopo ya tetla ya go thaya ditlhapi
Go thaya (dirisa/kotula) ditlhapi, go akaretsa moferowatle (seaweed)
R665 e tlhakana le tuelo ya kopo e leng R125
Go thaya ditlhapi ka maitlhomo a go tlhotlhomisa
R970 plus R970 ya tlhwatlhwa ya kopo
Go diragatsa ditiragalo tse di amanang le go thaya ditlhapi ke moagi yo e seng wa Aforika Borwa
R9 700 e tlhakana le R11 500 ya kopo
Go thaya ditlhapi go dira ditlhotlhomiso
R970 e tlhakana le R970 ya tlhwatlhwa ya kopo
Go tsamaisa ditlhapi ka sepalangwa
R150 e tlhakana le tuelo ya kopo e leng R125
Go tlisa ditlhapi go tswa nageng e nngwe
R150 e tlhakana le tuelo ya kopo e leng R125
Go romela ditlhapi ntle
R150 e tlhakana le tuelo ya kopo e leng R75
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Porofense:
Kapa-Bodikela
Toropo:
Mogala:
Aterese ya Bodirelo:
Aterese ya poso:
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
