Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya boikwadiso jaaka moduedi wa lekgetho kgots
Kopo ya go ikwadisa go nna moduelalekgetho wa nakw
Kopo ya go ikwadisetsa lekgetho la bathapiwa
Kopo ya katoloso ya go romela manane a lekgetho la
Pusetso ya go duela lekgetho la nakwana tuelo ya
Poelo ya bobedi ya tuelo ya lokgetho lwa lobakanya
Lenane la lekgetho go tswa dipeeletsong
Tuelo ya lekgetho la nakwana
Kopo ya go gololwa go duela lekgetho la lotseno
Kopo ya taelo ya lekgetho phesente e e tsepameng
Kopo ya go kgakololo tuelo ya Lekgetho moputso wa
Kopo ya tshupetso ya lekgetho
Kopo ya taelo ya lekgetho dineo
Kopo ya go ntsha matlolo a diphenene le a pabalelo
Kopo ya go ntsha matlolo a diphenene le a pabalelo
Kopo ya taelo ya go goga lekgetho
Lenane la tuelo ya lekgetho la nakwana tuelo ya bo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa Lotseno
Lotseno lwa lekgetho la Setlamo
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Go busiwa ga tshedimosetsokakaretso e dumelela bathapi go neela Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho ka dintlha ka ga bathapiwa ba bona bao ba neng ba sa gogelwe lekgetho jaaka go tshwanetse ka Molao wa Lekgetho wa 1962.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Karolo A: tiro le ditirelo IT3a tse di busiwang.
Mo mabakeng a go fitlhelwang selekanyo sa moputso wa ngwaga wa mothapiwa se lekana le R2000 kgotsa se le ka fa tlase mme lekgetho la mothapiwa le ne le sa gogiwe, IT3(a) kgotsa lenane, go ya ka go latelana ga dialefabete, le le tlhalosang tshedimosetso ka botlalo, le tshwanetse go neelwa mongwe le mongwe. Go tlhokega:
tlhakaina le sefane kgotsa leina la kgwebo nomoro ya tshupetso ya lekgethotseno ( fa e le teng)
nomoro ya Setlankana sa Boitshupo kgotsa paseporoto aterese moputso nako eo a neng a thapilwe kgotsa letlha le le tswang mo go yona
IT3(a) e tla neelwa mo mabakeng a a latelang:
Fa moputso otlhe wa mothapiwa kgotsa o o lekaneng le wa ngwaga o lekana le wa bonnye ba R2000 mme o sa fete serepodi sa lekgetho. (Fa mothapiwa a ne a sa thapiwa ke mothapiwa yo o amogetsweng mo ngwageng wa nako e e tletseng ya lekgetho, moputso o o amogetsweng mo nakong ya lekgetho o tshwanetse go lekanyediwa go ya ka maemo gore go kgonwe go sekasekiwa gore a IT3(a) e tshwanetse go neelwa).
Fa palokgotlhe ya moputso (e sa tlhagisiwa mo setefikeiteng sa IRP5 ) e sena lekgetho le le gogilweng.
Tuelo nngwe le nngwe e e duetsweng motho yo o neelaneng ka ditirelo kgotsa tse di sa yang go neelwa go tswa mo lekgethong le le sa gogiwang.
Se neele ka namana go ya ka tse di latelang:
Tuelo e e duetsweng ya ditirelo tse di neetsweng ke batho mo go direng tiro ya bona ya semmuso, Sekao. dingaka, boramolao, diafokate, bommalamatlotlo,le moruni.
Moputso ofe kapa ofe (sekao. ditshiamelo tsa tlaleletso) kgotsa o o sa tlhagisiwang mo setefikeiteng sa IRP5.
Moputso kgotsa se se lekanang le ona ka ngwaga se sa fete R2000 mo ngwageng wa lekgetho.
Karolo B: Dithoto, dipeeletso, ditshwanelo le dikatso
Neelana ka dintlha mabapi le tefo e e duetsweng kgotsa e o e neetsweng mokitlana go ya ka:
merokotso ya dikadimo le peelo ya ntlo (kwa ntle ga dikadimo kgotsa peelo e e duelwang banka)
morokotso mo matloleng a a beeleditsweng ke wena morokotso mo tshupamolatong morokotso mo tshupamatlotlong e e bolokelang karolelo mo diabong khiro e e duetsweng ke wena jaaka mohiri kgotsa e e tserweng ke wena jaaka moemedi dikatso kgotsa tuelo e e duetsweng go dirisa patente, popo, letshwaokgwebo kgotsa tetlokgatiso kgotsa go neelana ka kitso e e tsamaisanang le tiriso ya patente mo Aforika Borwa.
Karolo C: Tshekego ya terasete ya yuniti kgotsa didiriswa dingwe tsa matlole (IT3(c) lenane)
Neelana ka dintlha tse di latelang go ya ka tshekego ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole boemong jwa motho ofe kapa ofe:
tlhaloso ya yuniti kgotsa sediriswa sa letlole palo ya diyuniti kgotsa didiriswa tse di sekegilweng boima jo bo lekanyetswang boleng mo tshekogong (boleng jwa mmaraka ka tshekatsheko ya letlha go ditlaleletso tse di latetseng)
ditswamoputsong tse di sekegilweng madi a a fitlhelwang mo moputsong morago ga ditefelo a bonwe kgotsa a latlhegile go ya ka tshekego.
Neelana ka ditlankana tsa:
Ditswatemong tsotlhe, makgong, leruo, tshipi, diminerala, le matlapana a mabonwa a a fitlhetsweng ke wena ka theko, kananyo kgotsa thefosanyo (theko go tswa go mong yo o nang le lekwalo le tetla ya go rekisa e se tsenngwe).
Ditswatemong tsotlhe, lekgong, leruo, tshipi, diminerale le matlapana a a rekisitsweng ke wena jaaka moemedi wa moumusi.
Dikuno, tshipi kgotsa diminerale tse di rometsweng ke wena jaaka moemediwa wa mmumuso mo thomelong
Dikatso tse di duetsweng ditokololo tsa dikhampani tsa matsema kgotsa mekgatlho.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Godimo
Tlhotlhwa
Ga go duelwe sepe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
