Lenane la tuelo ya lekgetho la nakwana- tuelo ya boraro
Re a tlhokomela Re bontlhabongwe jwa Re a thusa
Ditirelo tsa ditlhopha tsa batho
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa merafe ya boditšhaba
Tlhopha dipuo
Kopo ya boikwadiso jaaka moduedi wa lekgetho kgots
Kopo ya go ikwadisa go nna moduelalekgetho wa nakw
Kopo ya go ikwadisetsa lekgetho la bathapiwa
Kopo ya katoloso ya go romela manane a lekgetho la
Pusetso ya go duela lekgetho la nakwana tuelo ya
Poelo ya bobedi ya tuelo ya lokgetho lwa lobakanya
Lenane la lekgetho go tswa dipeeletsong
Tuelo ya lekgetho la nakwana
Kopo ya go gololwa go duela lekgetho la lotseno
Kopo ya taelo ya lekgetho phesente e e tsepameng
Kopo ya go kgakololo tuelo ya Lekgetho moputso wa
Kopo ya tshupetso ya lekgetho
Kopo ya taelo ya lekgetho dineo
Kopo ya go ntsha matlolo a diphenene le a pabalelo
Kopo ya go ntsha matlolo a diphenene le a pabalelo
Kopo ya taelo ya go goga lekgetho
Lenane la tuelo ya lekgetho la nakwana tuelo ya bo
Gatisa tsebe e
Romela tsebe e ka Emeile
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Kwa gae
Ditirelo tsa Mekgatlho
Ditirelo tsa Lotseno
Lotseno lwa lekgetho la Setlamo
Lenane la tuelo ya lekgetho la nakwana tuelo ya bo
Lenane la tuelo ya lekgetho la nakwana- tuelo ya boraro
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Fa motho yo o amogelang moputso o o duelwang lekgetho, o o sa tshwananelang go gogwa, SITE kgotsa PAYE moputso wa kgwebo sekao. morokotso, rente kgotsa moputso wa kgwebo, o tshwanela ke go duela lekgetho la nakwana mo moputsong o. Dituelo tsa lekgetho la nakwana di dirwa mo nakong ya dikgwedi tse thataro. Lekgetho la nakwana le ikaelela go thusa baduelalekgetho go ba kgontsha go duela melato ya bona ya lekgetho mo nakong e e tsweletseng, go na le go duela palo e kgolo gangwe ka ngwaga mo tshekatshekong.
Lekgetho la nakwana le le duetsweng le tla bapiswa le lekgetho la bofelo la moputso (lekgetho le le tlwaelegileng) le mong a tshwanelang ke go le duela mo ngwageng o o lebaneng wa tshekatsheko.
Lekgetho la nakwana le le duetsweng,le kopantshwa le lekgetho la bofelo (la tlwaelo) le mongwe a tshwanetseng go le duelela ngwaga o o tshwanetseng wa tlhatlhobo.
Fa o le motho yo o tshwanelang ke go tuelo ya lekgetho la nakwana o tshwanela ke go dira kopo ya boikwadiso kwa go Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho mo malatsing a le 30 a o tlamegang ka ona. Dira kopo ka go kwalela boikwadiso kwa lekaleng la kantoro ya legae ya Madirelo a Aforika Borwa a Makgetho Go retelelwa ke go dira se, go tla tlhola morokotso le dikwatlhao tse di dumelelwang tsa go nna thari le koketso ya lekgetho mo go tsenyeng dipoelo thari.
Tuelo ya lekgetho la nakwana ya boraro e bidiwa gape "tlaleletso" kgotsa "koketso fa godimo" ba tuelo ya nakwana. Fa tuelo eo e duetswe, e tshwanelwa ke go duelwa, e seng morago ga letlha le le beilweng. Letlha le le beilweng go Ke:
Fa ngwaga wa tshekatsheko o felela ka di 28 kgotsa 29 tsa Tlhakole, dikgwedi di le supa morago ga foo.
Fa ngwaga o o felelang wa ditšhelete o rebotswe ka letlha kwa ntle ga 28 kgotsa 29 Tlhakole, dikgwedi di le supa morago ga foo.
Tuelo ya boraro ke tuelo ya boithaopo e mongwe le mongwe wa moduelalekgetho la nakwana a ka e dirang .Baduelalekgetho (kwa ntle ga ditlamo) ba ba bonang moputso o o duelelwang lekgetho wa go feta R50 000 le lekgetho la R20 000 kgotsa go feta, bai ka dira tuelo ya go ithaopa go tila morokotso o ka tsenyeletswang mo molatong mo tuelong e e kwa tlase ya tshekotsheko ya lekgetho.
Maikaelelo a tuelo e ke go kgontsha moduelalekgetho go duela tuelo e e tlhaelang magareng ga lekgetho la mothapi le lekgetho la nakwana e e setseng e duetswe ya ngwaga le ngwaga le palogare ya molato wa lekgetho mo ngwageng wa tshekatsheko.
Paka ya boraro e e emela palogare ya palogaregotlhe ya lekgetho le le duelelwang la ngwaga otlhe, e e kwa tlase.
lekgetho la mothapi le le duetsweng la ngwaga lekgetho lengwe le lengwe le kerediti le le duelelwang la kwa ntle mo ngwageng otlhe
Tuelo e e duetsweng lwa ntlha le la bobedi la dipaka tsa lekgetho la nakwana.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Ka ntlha ya gore tshupo e akaretsa mme ga sa tsholwa dintlha tse di amanang le le le moduelalekgetho yo o rileng, go botlhokwa thata gore baduelalekgetho ba tsenye dintlha tsa akhaonto tse di nepagetseng mo tshupong e. Fa dintlha tse di nepagetseng di sa tsenngwa, tuelo e ka se tsenngwe, tuelo e ka se tlaleletswe go moduelalekgetho yo o nepagetseng.
Dintlha tsa akhaonto di bopilwe jaana:
Nomoro ya tshupetso ya lekgetho la moduelalekgetho
POOO3 e e bontshang paka ya tuelo
- e e bontshang ngwaga wa tshekatsheko.
Sekao se se tlwaelegileng sa nomoro ya tshupetso ya tuelo se tla nna jaana: 1234567123P0002005
Go na le mekgwa e e latelang ya go dira dituelo kwa SARS:
Dituelo tsa lekgetho la lobakanyana di ka dirwa kwa kantorong ya lekala lengwe le lengwe la SARS, Mosupologo go fitlha Labotlhano, magareng ga 08h00 le 15h30, ntle le ka matsatsi a boikhutso a botlhe.
Fa dituelo di dirwa ka poso, ka banka kgotsa ATM, go tshwanetse ga elwa tlhoko nako e e lekaneng ya go posa kgotsa go diragatsa tuelo.
Fa dituelo di dirwa ka mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, go tshwanetse ga elwa tlhoko dinako tsa banka tsa tswalelo le sebaka sa go nna teng ga madi se se ka tsayang magareng ga matsatsi a mabedi go ya go a matlhano
Dintlha tsa banka:
Badirisi ba ba duelang kwa lekaleng la ABSA, FNB, kgotsa Nedbank ba ka se tlhole ba tlhoka go neelana ka nomoro ya akhaonto le khoutu ya banka fa ba duela. Go fela jalo le ka badirisi ba banka ya inthanete ya ABSA, FNB, Nedbank, le Standard Bank.
Go tla tlhokega:
ID / nomoro ya akhaonto ya mmoelwa e e golaganngwang le mofuta o o rileng wa lekgetho go dira dituelo.
Dintlha tse di tlhagelela mo setlankaneng sa tuelo mo poelong ya IRP 6.
Dituelo tse di sa nyalaneleng le nomoro ya referense le ID ya mmoelwa tse di kailweng fa godimo ga di kitla di amogelwa.
Fa letsatsi la bofelo la tuelo le wela mo letsatsing la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke, tuelo e tshwanetse go dirwa mo letsatsing la bofelo pele ga letsatsi la boikhutso la botlhe kgotsa mafelo a beke.
E la tlhoko:
Paka ya boraro (ya boithaopo) ya tuelo e tshwanela ke go ikaega tota mo lekgethong la moputso, jaaaka maikaelelo a tuelo e le go kgontsha go duela tlhaelo ya magareng ga lekgetho la mothapiwa le kopane le lekgetho la nakwana le le setseng le duetswe mo ngwageng le molato otlhe mo ngwageng wa lekgetho.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Ga go nako e e beilweng ya tirelong e.
Godimo
Tlhotlhwa
Tirelo e ga e duelelwe.
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Letsatsi la bofelo la poeletsogape:
Lwetse 2008
Dikgolagano tse di amanang
Ka ga webosaete
Ikgolaganye le rona
Mmapa wa bodirelo
Ditumelelano le bomo jwa tiriso
