Lekgotla la rona la SATI le dirisetsa tšhono eno go eleletsa maloko otlhe a rona ngwaga o o itumedisang wa 2010. Ka metlha re batla go utlwa ditshwaelo tsa maloko a rona, ka jalo fa e le gore go na le ditirelo dipe tse o akanyang gore Setheo sa rona se tshwanetse go di direla batho, ikgolaganye le rona.
Tšhapotara ya Boland (Kapa Bophirima) e rulaganyeditse go tshwara ditiragalo di le mmalwa tsa ngwaga. Go bona dintlha ka botlalo kgotsa fa o batla go nna leloko la tšhapotara eno, ikgolaganye le Wilna Liebenberg (wilna@lieben.co.za), Gretha Aalbers (aalbers@iafrica.com) kgotsa le Elise Engelbrecht (Elise.Engelbrecht@capetown.gov.za.). 
Dipeeletso tsa 2010
Ditshupatuelo tsa dipeeletso tsa 2010 di romeletswe maloko otlhe ka imeili kgotsa ka poso. Fa o ise o amogele ya gago, tsweetswee ikgolaganye le mokwadisi mo atereseng ya (registrar@translators.org.za) kgotsa le Ofisi ya SATI mo atereseng ya (office@translators.org.za). Tsweetswee gakologelwa gore o tshwanetse go re itsise ka dituelo dipe tse o di dirang gore go tle go berekanwe le tsone. Fa e le gore o sweditse ka gore o se ka wa ntšhafatsa go nna ga gago leloko, re kopa gore o re bolelele tsweetswee gore re kgone go baakanya seno mo direkotong tsa rona. Dipeeletso di tshwanetse go bo di duetswe kwa bokhutlong jwa Mopitlwe mme maloko a a neilweng tetlelelo-semmuso ya go ranola a a sa ntšhafatseng go nna maloko ga one, tetlelelo-semmuso ya go ranola e a e neilweng ga e kitla e tlhola e dira.
  Gakologelwa gape gore Setheo se kwadisa le dikgwebo gore e nne maloko. Setlamo sepe fela kgotsa mokgatlho o o kgatlhegelang seno o ka ikgolaganya le ofisi ya SATI go romelelwa ditokumente tse di tlhokegang. Fa e sa le re simolola go kwadisa dikgwebo go nna maloko, go simolola jaanong, maloko ka bongwe a tla kgona go kwadisa ka bobone ditirelo tse a di direlang ba bangwe.
Kopano-kakaretso ya ngwaga le ngwaga (AGM) ya 2010
AGM ya SATI le seminara e e tshwarwang morago ga yone e tla tshwarelwa kwa Elegant Lodge kwa Menlo Park, kwa Pretoria  ka Labotlhano 26 Tlhakole 2010. E se ka ya go fosa! Setlhogo sa seminara ke Melawana ya boitshwaro, molao le wena: Tsela ya go lebana le mathata ka katlego. Re tlile go leba ka fa Molao o moša wa go Sireletsa Badiri o amang ka gone ba ba dirang ka puo, e bile phanele e tlile go tshwara motlotlo ka dilo tse di amanang le melawana ya boitshwaro. Tuediso ya go ikwadisa e akaretsa “dinotsididi” tsa mahala “fa o ntse o dirisa nako go itsane le ba bangwe” morago ga moo. Fa e le gore ga o ise o amogele foromo ya go ikwadisa, tsweetswee kopa ofisi ya SATI go go romelela yone. 
Gakologelwa gore go bouta fela maloko a a duetseng a a neilweng tetlelelo-semmuso ya go ranola kwa AGM, ka jalo duela peeletso ya gago ka bonako jo o ka kgonang ka jone. 
Sejana sa Lefatshe sa 2010
SATI  e ka rata go bega moragonyana mo isagweng ka mofuta wa tiro ya go dira ka puo o Sejana sa Lefatshe se tla bong se e diretse maloko a rona. Maloko a a tla bong a ile a dira tiro e e amanang le kgaisano ya kgwele ya dinao a tla kopiwa gore a re itsise ka yone.
Re go gakolola gore fa o batla gore re tsenye leina la gago mo lenaaneng la polokelotshedimosetso ya “2010 Find Interpreters” mo setsheng sa rona sa inthanete, o tshwanetse go re kopa ka tlhamalalo gore re dire jalo.  Ga se gore go tla itiragalela fela gore maloko a a leng mo lenaaneng la SATI la ba ba ikwadiseditseng go a tsenngwe mo polokelotshedimosetsong ya 2010. Tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya SATI go bona tshedimosetso ka botlalo.
Patlisiso ka dituediso
Setheo se tlile go dira dipatlisiso mo gare ga maloko a rona mo kotareng ya ntlha ya ngwaga, ka go dirisa sone sedirisiwa sa patlisiso sa inthanete se re neng ra se dirisa dingwaga di le pedi tse di fetileng. Re solofela gore maloko a tla nna le seabe mo go yone ka bontsi jo go ka kgonegang ka jone go tlhomamisa gore tshedimosetso e re e kokoanyang e boammaaruri.
Go nna maloko
Maloko a masha: Kengni Bernard, Frans Boot, Andries Conradie, Tertius Janse van Rensburg, Franziska Keiser, Ria Kruger, Tom Larney, Anneke Milne, Ramodima Moikanyang, Katharina Reichert, Michael Waldeck
Ba ba tlhokafetseng: Marla Sanchez
Ba ba sa tswang go newa tetlelelo-semmuso ya go ranola: Klaus Staudt: Thanolo ya Baranodi ba ba ikanisitsweng ya Seesemane-Sejeremane
Ntlha nngwe e e kgatlhang
Diawate Tsa Sekolo sa Seesemane sa 2010: Batseleganyi ba makwalopaka, dimakasine le dikuranta mmogo le bakwadi ka bongwe ba kopiwa gore ba tsenele kgaisano ya go ikgapela Moputso wa Olive Schreiner (monongwaga, kgaisano eno e wela mo setlhopheng sa Maboko), Moputso wa Percy Fitzpatrick (o o newang  padi e e kwadilweng ka Seesemane e e kwaletsweng bana ba dingwaga di le 10 le 14) le Diawate Tsa Thomas Pringle (tse monongwaga e leng tse di ntshediwang ditshobokanyo tsa diterama, dibuka, difilimi, mananeo a radio kgotsa a thelebišene a a gatisitsweng mo dikuranteng, mo dikgangkhutsweng, mo makwalopakeng le mo dimakasineng; le mo ditlhogong tsa padi).  Go bona tshedimosetso ka botlalo, tsweetswee ikgolaganye le Motlhankedi wa Botsamaisi mo nomoreng ya 011 717 9339 kgotsa mo atereseng ya englishacademy@societies.wits.ac.za. 
Serweboleta sa khomphiutha le Ditsha tsa Inthanete
Yunibesiti ya Rochester (New York) e na le setsha sa inthanete se se bidiwang Three Percent mme se diretswe babuisi, batseleganyi le baranodi ba ba kgatlhegelang go itse ka padi ya segompieno ya boditšhabatšhaba. Selo se se e tlhotlheleditseng go nna le setsha seno sa inthanete ke go dumela gore go botlhokwa go buisa dipadi go tswa kwa dinageng tse dingwe gore batho ba tlwaele go buisa mmogo le go abelana dikgopolo go tswa ditsong tse di farologaneng. Mo motlheng ono wa go kopanya dinaga tsa lefatshe lotlhe go nna seoposengwe, nngwe ya ditsela tse di gaisang tsotlhe ya go boloka go tlhomologa ga ditso ke ka thanolo le go rata dibuka tsa padi tsa dinaga di sele. Leba http://www.rochester.edu/College/translation/threepercent/index.php?s=about 
L10NCafe.com ke setsha sa inthanete se batho ba ba dirang ka puo ba ka tlotlelang mo go sone ka metšhini ya go ranola, di-TM le dikgang dipe tse dingwe tse di amanang le seno. Leba http://worldify.com/l10ncafe/index.html 
Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa
Khonkerese ya Boditšhabatšhaba ya bo 16 ya Names Society of Southern Africa (NSA): Homo Nominans – Mankind, the namer: Club Mykonos, Kapa Bophirima, 26–28 Diphalane 2010. Khonferense e tla sekaseka tiro ya go naya dilo maina le tlhotlheletsego e go senang molato ope ka yone e batho ba nang le yone ya go naya ditlamo maina. Bakanoki ba Maina ba kopiwa  go ntsha ditshitshinyo tsa dipuo tse di tlileng go neelwa pele ga 28 Tlhakole 2010. Go bona tshedimosetso ka botlalo ikgolaganye le Bertie Neethling mo atereseng ya bneethling@uwc.ac.za.
Khonferense ya Cologne ka Thanolo e e Kgethegileng: Yunibesiti ya Cologne ya Go Dirisa Kitso ya Saense, kwa Jeremane, ka di 21–22 Diphalane 2010. Kgolo ya go tshwanelega ga thanolo e e kgethegileng mo tirisong ya dithuto tse di farologaneng tsa boranodi e dirile gore thanolo e e kgethegileng e akanyediwe ka tsela e e tseneletseng fa go ithutwa serutwa sa yone sa go dirisa kgopolo fela/tlhaloso. Khonferense eno e tla tlotla ka ditsela tse diša tsa go dirisa thanolo e e kgethegileng. Letlha la go tswalela la go romelwa ka ditlhogo ke 15 Mopitlwe 2010. Go bona tshedimosetso ka botlalo, leba: http://www.f03.fh-koeln.de/fakultaet/itmk/fachgebiete/konferenzen/00558/index.html Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Morago ga Lekwalo la Boalogane ya Go Ranola le go Toloka ya 2010: (International Postgraduate Conference in Translation and Interpreting [IPCITI] 2010) Go Akanya le go Fetola Dilo – Teboseša, dithulaganyo tse diša le matswela a maša: Yunibesiti ya Manchester, UK, 29–31 Diphalane 2010. Eno ke khonferense ya borataro mo motseletseleng ono, e boikaelelo jwa yone e leng go naya babatlisisi ba ba botlana tshono ya go bolelela ba bangwe ka patlisiso ya bone le go nna le seabe mo tiragalong e kgolo ya go kopana le batho ba dinaga di sele. Letlha la go tswalela la go romelwa ka ditlhogo ke 30 Mopitlwe 2010. Dipotso di ka romelwa ka aterese ya ipciti2010@manchester.ac.uk. Go bona tshedimosetso ka botlalo, leba: http://www.ipciti.org.uk/ 
SCREENIT 2010: Go fetola tebego ya go ranola mo sekirining: Yunibesiti ya Bologna, Italy, 20–22 Diphalane 2010. Ditshitshinyo tsa go bontsha ba bangwe seno le diphousetara tsa dilo tsotlhe tse di amanang le go ranola mo sekirining di tshwanetse go bo di rometswe ka 15 Moranang 2010 kwa atereseng ya  screenit2010@sslmit.unibo.it. Setsha sa inthanete sa khonferense eno se sa ntse se dirwa.
Khonferense ya 2010 ya Maastricht-Łódź Duo ya Boditšhabatšhaba ya bo 5 ka Thanolo le Bokao: Lenaneo la Maastricht: Sekolo sa Maastricht sa Tlhaeletsano ya Boditšhabatšhaba, kwa Netherlands, 19–22 Motsheganong 2010. Boikaelelo jwa khonferense eno ke go tshwara kokoano ya boditšhabatšhaba ya motlotlo fa gare ga dikgopolo tsa thanolo/go toloka le badiri ka bokao jwa thanolo le go toloka.    Lenaneo la Maastricht le tla tlhoma mogopolo mo go dirweng ga tiro eno. Go bona tshedimosetso ka botlalo, ikgolaganye le: Ngaka Marcel Thelen (m.m.g.j.thelen@hszuyd.nl) kgotsa http://www.translation-and-meaning.nl
Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Thanolo ya Setegeniki: Universidade Nova, Lisbon, Portugal, 28-29 Motsheganong 2010. Khonferense eno e e rulagantsweng ke Tradulínguas le ke baporofešenale ba bangwe ba thanolo ya setegeniki e tla tsaya malatsi a mabedi a a tletseng a mananeo a go ithuta ka go dira tiro ka tsela ya mmatota - thanolo le kokoano ya go tlhabana botlhale ka tsa mareo (ka Sepotokisi, Seesemane le Se-Spain, le ka dipuo tse di oketsegileng fa go kgonega) – e mo go yone baranodi le batoloki ba seporofešenale ba tla bong ba ranola le go toloka dilo tsa setegeniki, boenjenere, saense le intaseteri. Go bona tshedimosetso ka botlalo, leba: http://www.tradulinguas.com/conf-tech/ 
Dipuo Tse di Buiwang le Kwa Mafelong a Mangwe: Setso, Tlhaeletsano le Thanolo mo Lefatsheng le le Dirang Dikgatelopele: Leeds Metropolitan University, UK, 3–5 Sedimonthole 2010. Ditlhogo tsa Khonferense ya bo 10 ya Ngwaga le Ngwaga ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Dipuo le Puisano fa Gare ga Ditso Tse di Farologaneng di tshwanetse go bo di rometswe kwa go Jane Wilkinson mo atereseng ya IALIC2010@leeds.ac.uk ka 1 Seetebosigo 2010. Tshedimosetso ka botlalo:
www.leeds.ac.uk/german/ialic_conference_2010.htm 
Mekgwa e e Farologaneng yaThanolo: Yunibesiti ya Portsmouth, UK, 6 Ngwanaatsele 2010. Gantsi thanolo e ka ga lefoko le le kwadilweng, mme mo motlheng wa gompieno wa mekgwa e e farologneng ya go ranola, baranodi ba tshwanetse go ela tlhoko dikarolo tse dingwe tse di farologaneng tsa thanolo (ditshwantsho tse di sa tshikinyegeng le tse di tshikinyegang, ditshwantsho-thalo, mmino, thulaganyo-kgabô ya tsebe). Go kopiwa kabo ya ditlhogo ka ga dikgwetlho tse baranodi ba mefuta e e farologaneng ya thanolo ba lebanang le tsone. Go kopiwa le gore dipotso le/kgotsa ditlhogo tsa mafoko a le 300 di bo di rometswe kwa go Carol O’Sullivan mo atereseng ya carol.osullivan@port.ac.uk ka 30 Seetebosigo 2010. Go bona tshedimosetso ka botlalo, leba: www.port.ac.uk/translationconference.    
AGM Batseleganyi le Babaakanyi ba Diphoso mo Mokwalong (Society for Editors and Proofreaders (SfEP) AGM) le khonferense ya ngwaga le ngwaga ya bo 21: Yunibesiti ya Strathclyde, kwa Glasgow, UK, 4–6 Lwetse 2010. Khonferense eno e tla akaretsa diseminara tsa ditlhogo tse di jaaka kamano fa gare ga morulaganya-mokwalo-khopi-motseleganyi, go dirisa ditsha tsa seporofešenale tsa inthanete tsa go tsalana le ba bangwe, le melao ya boitshwaro le go kopa mekgwa ya kgatiso, le dikokoano tse di farologaneng tsa go tlhabana botlhale. Go dira dithulaganyo tsa go nna teng mo go kokoanong eno go tswalelwa ka 9 Phukwi 2010. Go bona tshedimosetso ka botlalo, leba:
http://www.sfep.org.uk/pub/confs/conf10/conf2010_advance.asp 
Khonferense ya 2010 ya Mareo le Kitso ya Boenjenere: Yunibesiti ya Dublin, kwa Ireland, 12-13 Phatwe 2010. Khonferense eno e bua ka go rotloetsa go nna le kitso le go ruta ba bangwe thekenoloji ya puisano ka puo e e kgethegileng go ya ka dithulaganyo tsa mareo le tshedimosetso. E tla tlhoma mogopolo segolobogolo mo setlhogong se se leng ka ga didirisiwa tsa boejenere tsa mareo le kitso mo inthaneteng. Go bona tshedimosetso ka botlalo, leba:
http://www.dcu.ie/fiontar/conference/home_baile.shtml
Thanolo ya Sendeble:Thomas Ntuli
Thanolo ya Aforikanse:Jackie Viljoen, Mariènne Botha, Johan Blaauw 
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe 
Thanolo ya Sesotho:Mike Mahase 
Thanolo ya Sexhosa:Thokozile Mabeqa, Sonwabile Cotiyana 
__________________________________________________________________________________________________________________
Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:
     Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za
     Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za
