Harvest									Tswana



Ditsiboso ka tlamelo ya serobi (seteropore)



Instructions: 

Folio Strap: TIRISOMETŠHINE

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa mo Khosong ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase ya Grain SA



E setse e le nako ya go ka roba mme dirobi tse di tshwaraganeng (combine harvesters) di na le dikarolo tse di tsamayang tse di tlhokang tlhokomelo – dibering, disili, difenebelete le diketane. Fa o ka tlhokomela tlamelo ya dikarolo tse, o tlaa nna le mathata a dithobego a le mmalwa mo setlheng sa thobo.



Togetso ya dibering

Dibering tsa thibelakgotlhego gantsi ga di onale di palelwa fela ka ntlha ya go lapa. Kwa bofelong, tshwedietsego, merwalo le mogote di tlhola gore mmetale o latlhegelwe ke thata ya ona. Dibering tsa thibelakgotlhego di tlaa onala fa di sa logediwe sentle.



Selogetsi se tshwanetse se dire ditiro tse tharo:

Go tlamela ka letha la selogetsi magareng ga dielemente tsotlhe tsa bering go thibela kgotlhego;

Go fokotsa kgotlhego magareng ga dibolo kgotsa dirolara le dikgaoganyi (separators); le 

Go thibela go rusa ka go tshasa dikarolo tsotlhe ka khoutu ya tshireletso.



Mo godimo ga go tshasa selogetsi mo diberinnye ka sethunya sa togetso, mekgwa ya katelo le go gasa le yona e ka dirisiwa. Tlhokomela thata gore modiro le tiriso ya dibering ke tsona di laolang gore go tlhokega mefuta ya selogetsi efe le poapoeletso ya togetso. Dibering dingwe jaaka dibering tsa leotwana, ga di tlhoke go logediwa gangwe le gape. Dibering tse gantsi di katelwa kirisi ka go dirisa sekatelakirisi kgotsa ka letsogo. Gakologelwa gore go tlopela togetso go kotsi fela jaaka go logetsa go le gonnye. Fa go ka tshasiwa kirisi e ntsi mo berinnye, go gakologa go tlaa tlhola kgotlhego le mogote, go go tlaa isang kwa go palelweng ga bering pele ga nako. Gape latela ditaelo tsa modiri.



Molawana wa tlwaelo ke go katela dibering tsa thibelakgotlhego go gomela go tlala. Tlosa selogetsi sengwe le sengwe se se fetileng. Fa e le mo diberinnye tsa bolo le rolara, katela matlhakore oomabedi tota le mo dikhutlantshwaneng, mme o bo o di dikolosa ga mmalwa go tlosa kirisi e e feteletseng.



Pele o tsenya dibering mo “housing” tlatsa halofo ya”housing” ka kirisi. O se ke wa tlatsa “housing” gotlhelele – se se tlaa tlhola go gakologa ga kirisi mme ditlamorago ke kgotelo le go swa ga bering.



Tlamelo ya ditsamaisi tsa difenebelete (V-belt) 

Difenebelete ke ditsamaisabelete tse di tlwaelegileng thata gompieno, ka jalo kgankgolo ya rona ka tlamelo e tlaa bo e le ditsamaisi tse.



Tshwenyego ya semotšhine 

Mengwe ya mesola e megolo ya ditsamaisi tsa fenebelete ke tlhatlhobo e e bonolo. Ka go lepa le go reetsa, ditshupo tsa konalo e e tlwaelegileng di ka senoga. Lebanta le le itayang mo sesireletsing sa lebanta se tlhagisa modumo wa thiking o o utlwalang o o tsibosang ka kamano ya kgotlhano. Kamano e e ka tlhola konalo ya ka bonako ya matheriale o o phuthetseng mabanta mme o tlaa fokotsa thata botshelo jwa lebanta. Foo modumo wa didiriso tse di gaufi o ka khurumetsang modumo wa go itayaitaya, tlhatlhobo ya matlho ya gale le gale ya disireletsi tsa lebanta tse di kobegileng kgotsa senyegileng le yona e tlaa bontsha kamano ya sesireletsi sa lebanta. Lebanta gona le tlaa rafolega – sesupo se sengwe sa kgotlhego.



Go sa tlhamalalang ga leotwana (pulley) ke bongwe jwa mathata a o tshwanetseng go a tlhokomela ka nako ya tlhatlhobo ya gale le gale. Fa go sa tlhamalalang go tshwantshiwa mo Setshwantshong 1, go etegeditswe, go sa ntse go bontsha sebako se sengwe se se tlwaelegileng sa botshelo jo bo khutshwafetseng jwa lebanta. Maotwana gale a tswa mo llaeneng ka gore kgweetso le dišafote tse di tsamaisang di sa bapa. Setshwantsho se bontsha mefuta e e tlwaelegileng thata ya go sa tlhamalalang – tsotlhe tse di bakwang ke dišafote tse di sa bapang.



Gongwe tsela e e botoka ya go tlhatlhoba tlhamalalo ke go dirisa mola o o tlhamaletseng fa gare ga matlhakore a maotwana (pulleys) (Setshwantsho 2). Mola o o tlhamaletseng o tshwanetse go ama dingatana kwa metsunyaneng e mene. Jaanong dikolosa leotwana lengwe le lengwe mme o tshwae gore a kamano ya le le lengwe la maotwana e fosagetse. Fa go le jalo šafote e kobegile kgotsa leotwana le a melemethega (wobbling).



Mokgwa o mongwe ke go kwaya go kgabaganya losi lwa khuti ya leotwana go tsamaelana le lebanta. Go sa tlhamalalang go go kotsi go tlaa bonala jaaka kobego mo lebanteng fa le tsena kgotsa le tswa mo dikhuting tsa maotwana. Difenebelete, ka ntlha ya tshwedietego ya tsona, di ka kgotlelela go sa tlhamalalang go go tona go na le mefuta e mengwe ya ditsamaisi. Fela go na le ntlha foo di sa tshwanelang go feta go sa lolamang teng fa e le gore di tshwanetse go dira tirelo e di e diretsweng ka botlalo.



Mabanta a a sa tshwanelanang

Mo ditsamaising tsa bontsintsi, mabanta a tshwanetse a tshwanelanngwe ka nepo gore bokete jwa kgogo bo phatlaladiwe ka tekatekano mo mabanteng. Fa bokete bo sa phatlaladiwa ka tekatekano, mabanta a makhutshwane a tlaa dira tiro yotlhe.



Setshwantsho sa 3 se bontsha mabanta a a sa tshwanelaneng. Setsamai se se na le mabanta a mantšhwa a le supa, fela le lengwe (bona motsu) ga le dire sepe. Le mororo mabanta otlhe a le mantšhwa, lebanta le le ka fa thoko le bonala le le leleele, ka jalo le sa goge seabe sa bokete jwa lona. Fa o etse tlhoko kgonego ya go sa tshwanelaneng, tlhokomela mabanta a a repileng mo letlhakoreng le le gagametseng la setsamai – letlhakore leo mabanta a tlang kwa motorong ka lona. Fa mabanta a lekalekana mo letlhakoreng le (le mororo a sa lekalekane thata mo letlhakoreng le le repileng) mabanta a goga seabe se se tshwanetseng sa bokete jwa ona. Go netefatsa tshwanelano ya mabanta e e nepagetseng, difenebelete di tshwailwe ka dinomore tsa bogolo jwa lebanta.



Mabanta a a onetseng

Mabanta le dilata tsotlhe a onala ka tsela nngwe morago ga go dira nako e e rileng. Fa konalo e diragala mabanta a tsamaela kwa tlase mo dikhuting tsa leotwana. Ka ntlha ya gore sekgala se se fa gare se tshwanela go okediwa go tshuisetsa konalo, lebanta le le onetseng le leleele go na le lebanta le lentšhwa. (Gape lebanta le le onetseng le a taologa fa le dirisiwa.) Ka jalo go botlhokwa go fetola sete yotlhe ya mabanta mo ditsamaing tsa mabantamantsintsi le mororo go ka palelwa lebanta le le lengwe. Fa ele gore go ka fetolwa lebanta le le lengwe, lebanta leo le tlaa bo le le le khutshwane ka tota go na le mabanta a mangwe.



Mo Setshwantshong 4, go fetotswe fela lebanta le le kgaogileng. Ka gonne mabanta a magologolo a onetse e bile a taologile, lebanta le lentšhwa le goga bogolo jwa bokete. Ka gore go tlhokega tota mabanta a supa go fitlhelela ditlhokego tsa maatlakgogo a tiragatso, bokete jo bo feteletseng bo tlaa khutswafatsa botshelo jwa lebanta le lentšhwa thata.



Mo Setshwantshong sa 5 mabanta otlhe a a mo seteng, a fetotswe mme lebanta lengwe le lengwe le rwele seabe se se lekanang sa bokete. Fa mabanta a goga mmogo jaana, a tlaa tlamela ka tirelo e a diretsweng go tlamela ka yona. Ga go tlhotlhwakgolo go fetola mabanta otlhe mo setsamaing sa bontsintsi fa go senyegile le le lengwe – ke inšorense kgatlhanong le nako e e senyegileng le ntshodikuno e e latlhegileng.



Kgagamalo ya lebanta 

Kgagamalo e nnye thata a tlaa baka go relela kgotsa go tshwara go lesa, go go ka bakang kgaogo ya lebanta. Fa lebanta le sa kgaoge go relela go ka baka go onala ka fa ntle ga lebanta, dikarolo tse di šweleng le kgotelo e e feteletseng. Kgagamalo e kgolo thata e tlaa baka kgotelo ya lebanta le go taologa go gogolo gammogo le tshenyego ya dikarolwana tsa setsamai jaaka dilata le dišafote. Kgagamalo e e oketsegileng gape e tlaa rwesa dibering bokete jo bogolo.



Gakologelwa gore difenebelete di tshwanetse go tsamaya mo matlhakoreng a maotwana a gale, e seng fa tlase ga khuti. Kgagamalo mo lebanteng le lentšhwa e tshwanetse go elwa tlhoko thata mo diureng tsa ntlha tse 24 tsa tiro. Se ke fa tulo le taologo tsa tshimologo di diragala.



Thelelo ya lebanta 

Fa mabanta a a repileng gantsi a baka go relela, sebako e ka nna bokete jo bo feteletseng. Fa kgagamalo ya lebanta e siame, fela lebanta le sa ntse le relela, gona bokete jo bo feteletseng e ka nna jona bothata. O se ke ka motlhaope wa bo wa leka go baakanya thelelo ka go dirisa setshaso sa lebanta. Fa se fokotsa go relela, setshaso se ka letefatsa le go koafatsa fenebelete.



Go lela (squeak) ga labanta

Go tswirinya gantsi go diragala ka nako ya mabelo a a iketlileng. Go dira modumo o o tshwanang thata le go tswirinya ga nonyane kgotsa bering e e omileng mme go diragala thata fa go dirisiwa maotwana a “pressed steel”. Tswirinyo ga e diragale fela mo medirong kgotsa mo mefuteng mengwe ya mabanta, fela e ka diragala thata mo mesong e e tsididi, e e bongola kgotsa mo maemong a a dithole. Tswirinyo ka boyona ga e kotsi, fela gantsi e tsewa ka phoso jaaka thelelo ya lebanta. Kwa bofelong, mabanta gantsi a gagamadiwa go fitlhelela foo mabanta kgotsa dibering di senyegang teng. O se ke ka gope fela wa dirisa setshaso sa lebanta kgotsa oli go tlosa modumo o.



Kgogotlego ya lebanta

Kgogotlego ke kgoo e e lentswe le le kwa godimo kgotsa modumo o o magogoša o o diragalang ka nako ya kakotsho ya lebelo kgotsa fa lebanta le fitlheletse bokete jo bo feteletseng. Go raya gore totatota lebanta le a relela mme le tshwanetse go batlisisiwa. Sebako gantsi ke tlhaelo ya kgagamalo ya lebanta. Fa kgogotlego e tswelela le mororo mabanta a tlhodilwe le go gagamadiwa, go tshwanetse go tlhatlhobiwe setsamai ka bosona gore a ga se bokete jo bo feteletseng. Gape o se ke wa dirirsa setshaso sa lebanta jaaka seemedi sa kgagamatso sešwa ya lebanta.



Tlhokomela: tshola disireletsi tsa mabanta tsotlhe le dithebe di le mo mannong. 



Diketane 

Thepo ya ketane 

Selekano se se nepagetseng sa thepo se botlhokwa mo tirisong e e siameng ya diketane. Ka go farologana le mabanta, diketane ga di tlhoke kgagamalo ya tshimologo mme ga di a tshwanela go gagamalediwa mo diseporoketeng. Fa di nyalantswe ka tshwanelo ditsamai tsa diketane (Setshwantsho sa 6) di tshwanetse go letla temekiso e nnye ka letsogo mo mogaleng wa thepo ya 2% ya sekgalabogare.



Diketane tse di gagametseng thata

Fa ketane e gagametse thata (Setshwantho 7) dikarolo tse di berekang di rwala bokete jo bo boima thata go na le ka fa go tlhokegang ka teng le go dira ka thata go gaisa kwa ntle ga go gorosa maatla a mantsi a mangwe go na le ketane e e tsentsweng sentle. Se se baka konalo e e bonako ya ketane ka ntlha ya kgatelelo e e oketsegileng mo malokololong. Mo godimo ga se, se se dira bokete jo bo feteletseng le go itlhaganedisa konalo mo diberinnye tsa dišafote.



Diketane tse di repileng thata

Thepo e e feteletseng le yona e kotsi (Setshwantsho 8). Mo disentareng tse ditelele, bogolo segolo go repa thata go tlaa baka thoromo le go itaana ga ketane, le go fokotsa botshelo jwa ketane. Mo disentareng tse ditelele, mogala wa thepo o tshwanetse go tshegediwa kgotsa go tsewa ke diseporokote kgotsa disireletsi tsa iketliso. Seterepi ke tshegetso e e tswelelang e e bonolo ya ketane se se e thibelang go repa thata.



Diketane di taologa jang

Taologo e ketane e e dirang mo tirelong ke ka ntlha ya go onala ga matheriale wa phine le “bush bearing“ fa godimo. Morago ga paka ya go dira, thepo e tshwanetse e bonwe go thibela ketane go tlola mo diseporoketeng.



Diketane di nyalanngwa jang (Setshwantsho 9)

Baya mola o o tlhamaletseng mo sepaneng sa go repa mme o gogele ketane kwa tlase fa legareng. Lekanya selekano sa go repa go tswa godimo ga ketane go ya kwa letlaseng la mola o o tlhamaletseng. Fa go tlhokega nyalanya disentara tsa dišafote tsa segagamatsi, go tlamela ka selekano sa thepo se se atlanegisiwang mo thepong e e tshwanetseng ya ketane.



Tlhokomela: mo diseporoketeng tse dintsi – bogolo segolo tse di khasetilweng – meno a ka tswa a sa tsamaelane sentle le šafote. Ka ntlha ya lebaka le, netefatsa gore o dikolosa setsamai gantsinyana go tlhatlhoba gape go repa mo maemong otlhe a diseporokete. Mo diketeneng tse ditelele tsa dikhonfeyase le dielebeitara, thepo gantsi e tlhatlhobiwa ka go goga ketane mo bogareng jwa letlhakore le le lengwe ka sekale sa seporeng le go lekanya thepo ya kgogo ya khilogerama e e atlanegisitsweng.



Tlhokomela: o seke wa bo wa leka go nyalanya diketana fa di tsamaya.



Go phepafatsa diketane

Phepafatso ya gangwe mo pakeng ke itsholelo e e siameng tota le mo maemong a tiro a a gaisang.



Latela dikgato tse:

Kgato 1: Ntsha ketane mo seporoketeng.

Kgato 2: Tlhatswa ketane mo diseleng.

Kgato 3: Ntsha disele mme o inele ketane mo oling.

Kgato 4: Anega ketane go minya selogetsi se se saletseng.

Kgato 5: Tsenya ketane.



Go logetsa ketane go

Fokotsa konalo

Sireletsa kgatlhanong le rusu, jego le mogote;

Thibela go sisa (seizing) ga diphini le dibušing; le

Beeletsa bokete jwa dišoko



Togetso ya diketane fa gongwe ka ntlha ya botlhokwa thata mo tirelong ya botshelo jo boleele. Diketane tse di omileng le go nna mo letsatsing di itsege ka go onala ka bonako fela kwa tlase ga diura di le 200 tsa tiro. Togetso ya seatla e ka atolosa botshelo jwa konalo ga makgetlho a mararo go ya lesome mo godimo ga botshelo jwa go sa logetseng.



Go thothetsa oli ka fa ntle ga ketane ga go a lekana. Oli e tshwanetse go tsenelela difatla tsa dibering tsa botlhokwa thata jaaka go bontshiwa mo Setshwantshong 10. Go dira se, oli e tshwanetse go tsenelela mo phatlheng magareng ga dipoleite tse di ka fa gare le ka fa ntle tsa dirolaketane. Seno se ka thusiwa ka go logetsa ketane ka oli fa e sa ntse e le bothito le go e tsamaisa nako e khutshwane.



Diketane tse di tswarang leswe le go rusa di tshwanetse go logediwa gangwe le gape. Makgamatha a oli le leswe a sa ntse a onatsa botoka go na le leswe le le omileng le le kgomaretseng mo malokololong a ketane.



Mekgwa wa go logetsa diketane

Mekgwa ya go logetsa diketane ke:

Ka letsogo (kane ya oli, boratšhe kgotsa kgatelelo).

Semi-automatic (drip cup)

Othomethike (oil bath, oil disk kgotsa oil stream)



Tlhokomela gore togetso ka letsogo e lekane mo dikhonfeiyareng, dielebeitara le ditsamai tse di bonolo di le dintsi, fa e le ditsamai tse di matswakabele thata tsa lebelo le bokete jo bo kwa godimo, di batla togetso e ntsi – dingwe kgabetsakgabetsa ka didiriso tsa othomethike.



Gakologelwa dintlha tse thataro tse ka togetso ya diketane:

Logetsa ka dibaka tsa gangwe le gape – le fa ketane e tshwara leswe kgotsa rusu.

Ka mabelo a a kwa godimo logetsa gangwe le gape.

Tlosa leswe le rusu e ntsi mo ketaneng pele o logetsa.

Selogetsi se tshwanetse se tsenelele mo malokololong a ketane.

Sireletsa ketane mo dikgotleding fa go kgonegang; le

Latela ditaelo tsa modiri ka togetso.





















